Emisang go tsholola dikgang
20 Oct 2022
Kgosi Duncan Marumola wa Unit 3 kwa Jwaneng o kopile bomme go emisa go tsholola dikgang tsa kgokgontsho.
Kgosi Marumola o buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Jwaneng/Mabutsane, Rre Mephato Reatile ka Labobedi.
A re go le gantsi bomme e a re ba sena go bega dititeo kwa mapodising, morago ba kope go di tsholola, ka ba akanya fa ba ba kgokgontshang ba tla senyegelwa ke ditiro, mme ba bolawe ke tlala.
Kgosi Marumola a re seo se rotloetsa borukutlhi jo puso e bo lwantshang jwa kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana.
Are bomme bangwe ba kgokgontshiwa le ke bana ba bone ba ba tseela madi go ya go reka ditagi, mme ba a ba loba.
Kgosi a re bana ba go nna jalo ba felela e nna diganana tse di padileng,.
Kgosi Marumola o kopile batsadi go letla puso go re e otlhae bana e ba age ba lese go nna diphologo. A re o itse fa go na le borre ba le bone ba kgokgontshiwang, sebe sa phiri ke gore bone ba swa senku.
Mo go tse dingwe, kgosi o ne a kopa morafe go tsena diphuthego tsa kgotla gore batle ba itse diphetogo tse puso e di dirang. Ends
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : Jwaneng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Oct 2022