Tiro ya go siela Tswapong Borwa metsi e a wela
20 Oct 2022
Tiro ya madi a fetang P291 million ya go isa metsi kwa metseng e lesome le borobabobedi ya Tswapong Borwa e solofetswe go wela kgwedi ya Ngwanatsele e ya bokhutlong.
Se, se senogile ka Labobedi, mo loetong la Tona wa Lephata la Lefatshe le Metsi, Dr Kefentse Mzwinila yo a neng a ile go lekola ka fa tiro e e tsweletseng ka teng kwa metseng ya Shakwe, Matlhako, Mokobeng, Sefhare le Moshopha.
Dr Mzwinila a re tiro e, ya: ‘Connection of Tswapong South Villages to Mahalapye Phase II Project,’ e setse ka seelo sa 93 per cent gore e wele, a supa fa a setse a kopile Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane gore a tle go e bula semmusu fa e sena go wela.
O gateletse fa goromente a tlhaloganya gore Batswana ba tshwanetse gore ba nne le metsi a boleng le selekanyo se se tsamaelanang le seriti sa bone.
A re ke ka moo lephata la gagwe le neng la tsibogela gore gongwe le gongwe mo Botswana go nne le metsi a selekanyo le boleng jo bo siameng.
“Kana tlhaelo ya metsi ke selo se e leng gore ga se a siama, ka gore ditlhabololo tse dingwe di tlhokana le metsi gore di nne teng le gore di atlege. Ke ka moo re neng ra itemogela gore go botlhokwa gore re tsibogele seemo sa tlhaelo ya metsi mo kgaolong e ya Tswapong Borwa,” ga bua Dr Mzwinila.
“Mme re ne ra tsaya tshwetso gore fa metsi a tswang kwa matamong a matona kwa bokone jwa lefatshe la rona, a Dikgatlhong le Letsibogo, a goroga kwa Mahalapye a kgone go fetela le kwano ka boleng, bokete le selekano se se tlhokafalang,” a tlatsa.
Are mo tsamaong ya nako metsi a tswang mo matamong a matona a tla okediwa ka go tsenya metswedi e mengwe ya metsi ka go tsaya metsi kwa nokeng e tona ya Chobe/Zambezi a ya ko borwa, e le phaephe ya boraro.
Tona o rotloeditse beng ba dikonteraka go netefatsa gore ba tlogela ba diretse banni ba Tswapong ditlhabololo dingwe tse ba tla salang ba ba gopola ka tsone fa tiro e sena go wela.
Fa a tlhalosa gore tiro e, mookamedi wa yone, Mme Delilah Motukwa o tlhalositse gore tiro e setse e le ko motsubong.
A re e simolotse ka Ngwanatsele 2020 mme e abetswe kompone ya China Geo, ka tshwaragano le ya Batswana ya Alphat Botswana.
Tiro e, a re e ne e filwe sebaka sa kgwedi tse di lesome le borobabobedi gore e wele, mme e ne ya diiwa ke matlapa a mantsi gape a le matona a a neng a tshwanelwa ke go thubiwa le go epololwa a bo go katelwa ka mmu pele ga tiro e ka simolola.
“Tiro e, e simolola kwa Mahalapye e tsaya metsi ka pipe ya 400 milimetres, mme e feta mo Shakwe e ya kwa Moshopha e ntse e le 400 milimetres. Fa e tsena mo Moshopha, e kgaogana ka pipe ya 110 milimetres e isa metsi kwa metseng e 18, mo Tswapong, ya; Sefhare cluster, Pilikwe cluster, Ramokgonami cluster- go ya go tsena kwa Ngwapa,” a tlhalosa.
O akgotse banni ba Tswapong, ba le 292 ba ba neng ba hirwa mo tirong e, kwa tshimologong, go bo ba nnile le seabe mo go diriweng ga tiro e.
Mo malebong a gagwe, Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang o lebogetse gore selelo sa tlhaelo ya metsi mo kgaolong ya Tswapong se tla fela.
Mo godimo ga moo, Dr Gobotswang o kopile tona gore fa tiro e sena go wela, didiba tse di ntseng di nosa banni ba metse e, di boele kwa morafeng gore di kgone go thusa banana ba ba ikaelelang go itshetsa ka temo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Shakwe
Event : Loeto
Date : 20 Oct 2022