Breaking News

Banni ba lela ka tlhaelo ya metsi

19 Oct 2022

Banni ba Sese ba lela ka tlhaelo ya metsi, boroko jwa badirela puso gammogolo le fa ba direlang teng.

Ba roletse mopalamente wa bone, Rre Mephato Reatile matshwenyego ao mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo.

Ba tlhaloseditse mopalamente wa bone gore ba boipelego, balemisi le bakenti ga ba na diofisi tse ba direlang mo go tsone.

Ba re kgaolo ya bone e ikaegile thata ka temo, mme go utlwisa botlhoko thata fa ba lephata la temo thuo ba sena diofisi.

Banni ba re jaanong matlo mangwe a komiti ya ditlhabololo tsa motse a dirisiwa e le diofisi, selo se ba reng se baya ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ka fa mosing, ka ba itirela letseno la madi ka matlo ao.

 Bare selelo sa letlhoko la diofisi se ka arabiwa ka go agwa ga diofisi tse di kopanetsweng ke maphata a puso mo  motseng.

Ba ngongoregile gape ka ditsela tse di mo motseng tse ba reng ga di tsamaege bogolo jang ka nako ya dipula. 

Banni ba ne ba kopa gore di nne di gopiwa, ba bo ba kopa gape gore kokelwana ya bone e katolosiwe, go nna le lekalana la pelegiso.

Mo go tse di amang lenaneo la Ipelegeng, ba ne ba kopa gore  kapei ya borotho e busediwe, ba tlhalosa fa e ne e tokafatsa matshelo a batho.

Le fa gontse jalo, ba lebogetse lenaneo la puso la go agela batlhoki matlo ba supa fa le bone, ba lenwa moro mo motseng wa bone.

Fa a lekodisa banni, Mopalamente Reatile o ba boleletse fa e rile bosheng ga nna le phuthego ya palamente ya tshoganetso e e neng e itebagantse le gore lenaneo la ditlhabololo la setshaba le tsamaalane le palamente.

O ba boletse le ka molao o o tsamaisang di pension, a tlhalosa gore fa mabaka mangwe a patika jaaka bolwetsi le kago, pension e ka dirisiwa go thusa motho mo diemong tsa mohuta oo.

Mogolwane wa Water Utilities Corporation go tswa Kanye, Mme Lesego Ikaneng, o tlhaloseditse banni fa e tlaare mo nakong e e sa fediseng pelo e be letlhoko la bone la metsi le arabilwe.

A re banni ba Sese ba nwa metsi go tswa kwa Magagarapa, a re mme go mo thulaganyong ka gona le tiro e e tsileng go dirwa mo Sese ya go oketsa seelo sa metsi, a re go tlaa okediwa diphaephe tse di gogang metsi go tswa ko Jwaneng go ya kwa Sese, gore metsi a lekane batho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : SESE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 19 Oct 2022