Komiti ya twantsho borukutlhi e abela leloko
19 Oct 2022
Maloko a komiti kgolo ya twantsho borukutlhi ya kampa ya sepodisi ya Tshesebe kwa Bokone Botlhaba, ba abetse mongwe ka bone ntlwana ya boiteketso.
Komiti eo, e bopilwe ka maloko go tswa mo metseng e e welang ka fa tlase ga kampa eo ya Tshesebe, mme mo godimo ga go lwantsha borukuthi, e ne ya bona go le maleba go dira pharologanyo mo matshelong a setshaba se e direlang mo go sone.
Ntlwana eo, e e lopileng P4 780 e ne ya rolelwa Rre Tobokani Jackson wa Themashanga mo kwa kgotleng ya motse oo, kgwedi eno e le lesome le bobedi.
Go bolelwa fa Rre Jackson e le mongwe wa maloko a a tlhaga mo setlhopheng sa twantsho borukuthi sa Themashanga, se se bidiwang Takalinga.
Fa a rola ntlwana eo, mothusa mookamela mapodisi a District No. 15, Superintendent Nelson Phuka o ne a akgolela maloko a komiti eo tiro e ntle e ba e dirileng.
A re mo dingwageng tse di kwa moragonyana, puso mo go lemogeng fa ka nosi e ka seke ya kgona, ya itela mo bathong le makalana ka bongwe ka bongwe go thusa bangwe ka bone ka fa ba ka kgonang ka teng fa ba lemoga botlhoki bongwe.
Superintendent Phuka a re ka jalo go a itumedisa go bona setlhopha seo sa twantsho borukuthi se gata mo motlhaleng oo, a tlatsa ka gore ntlwana eo ya boiteketso e tla neela Rre Jackson seriti se se mo tshwanetseng.
O tsweletse a re ka jaana Rre Jackson e le leloko la komiti ya twantsho borukuthi, mpho eo e tla mo tiisa moko go direla setlhopha sa gagwe.
Fa a lebisa mafoko kwa go Rre Jackson, Supt Phuka o ne a mo gakolola go tlhokomela ntlwana eo gore a e dirise ka lobaka.
Modulasetilo wa komiti eo, yo gape e leng Kgosi ya motse wa Ramokgwebana, Kgosi Mollen Dube a re e re lentswa komiti ya bone e itebagantse le go lwantsha borukuthi mo tikologong ya metse ya bone, ba bona go tshwanela gore ba tsholetse matshelo a bangwe ka bone ka go ba direla sengwe fa ba lemoga letlhoko.
Kgosi Dube a re ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore nngwe le nngwe ya di cluster tse supa tsa kampa eo, ya Tshesebe e ntshe P600 mme mo godimo ga moo, batho ka bongwe ka bongwe gammogo le mapodisi a Tshesebe, ba ba tswe thuso ka fa ba neng ba kgona ka teng.
Ka jalo, kgosi o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go thuseng gore ba fitlhelele maikaelelo a bone.
Kgosi Manji Thaba wa Themashanga le ene fela jalo o ne a iteela legofi maiteko ao, a a supilweng ke komiti a re ba dirile tiro e e tshwanelwang ke go galalediwa, a bo a supa botlhokwa jwa go nna le matlwana a boiteketso mo malwapeng.
Fa a tswa la gagwe, Rre Jackson o ne a supa boitumelo, a bolela fa tshwaragano ya mapodisi le setshaba e le botlhokwa thata mo ntweng kgatlhanong le borukuthi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : THEMASHANGA
Event : Phuthego
Date : 19 Oct 2022