Breaking News

Mopalamente o tlhalosa diphetogo mo melaong

19 Oct 2022

 Mopalamente wa Mabutsane/Jwaneng Rre Mephato Reatile o boleletse batsena phuthego ya kgotla mo Jwaneng gore molao wa lekalana la polokelo  la badirela puso( Pension fund) o fetotswe gore fa motho a lwala a bo a ka thusiwa ka madi a a ikgobokanyeditseng.

 A re pele modirela puso   o ne a sa kgone go dirisa madi ao a ise a tlogele tiro, a re jaanpng fa motho a tlogela tiro o ka neelwa 50 per cent go re a tle a kgone go iphutha metlhala.A re modirela puso gape o ka letlelelwa go tsaya madi ao go ithusa mo go tsa kago go tokafatsa bonno jwa gagwe.

O bile a lekodisa batsena phuthego ka molao wa ditlhabololo (NDP) a re lo tlaa fetolwa go tsamaalana le palamente, o beile sekai ka NDP11 e mo nakong ya gompieno puso e dirang ditlhabololo e lebile yone.

Mopalamente Reatile a re mapalamente jaanong ba tlaabo ba dira ditlhabolo tse di tsamaalanang le nako ya ditlhopho le go simogolga ga  palamente, a bo a re mo nakong eno mapalamente ba bereka ka NDP 11 e e simologileng ka 2017.

Fa a itebaganya le Jwaneng Rre Reatile o ne a supa matshwenyego ka beng ba dikonteraka a re ba sotla babereki ba bone, a re dikgang tsa babereki di dintsi kwa lephateng la pereko.

Mo go tse dingwe mogolwane go tswa kwa Botswana Agricultural Markerting Board Mme Oabona Tatane o boletse fa ba sale ba simolola go reka di tswa temong mo Batswaneng ka 1974.A re le ntswa nako ya temo e gorogile, go na le balemi ba ba iseng ba ba duelele tse ba di rekileng mo go bone ka ntlha ya gore ba na le kgwetlho.

A re ba santse ba kopile madi gore ba tle ba kgone go duela balemi gore ba kgone go ya go baya thotse. 

Le fa gontse jalo o supile fa ba duetse palo e potlana, a tlatsa ka gore o solofela fa ba tlaa duela ba ba setse mo kgweding eno.

Ka nako ya dipotso le dikakgelo modula setilo wa pele wa khansele ya Jwaneng Rre Tsietse Kwenje o ne a re ofisi ya mapodisi  e  nnye ka jalo go bonwe gore a ga gona ko e ka katolosediwang teng.

O ne gape a supa fa seemo sa khansele ya Jwaneng se dule mo taolong, ka ditsela di le dikhuti, a supa gape gore le fa batho ba Ipelegeng ba sena go kgaola ditlhare ga di tsewe.

 O ne a re toropo e lefifi, ka jalo a kopa gore go gokelwe dipone tsa letsatsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : JWANENG

Event :

Date : 19 Oct 2022