Kgaolo ya SefhareRamokgonami e tla rekela dikole ditilo le ditafole
18 Oct 2022
Dikole tsa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami di tlaa rekelwa ditilo le ditafole ka bontlhabongwe ja madi a lenaneo la dikgaolo tsa botlhophi.
Mopalamente wa kgaolo eo, Dr Kesitegile Gobotswang o boletse seo mo phuthegong ya kgotla kwa Machaneng ka Mosupologo. A re tebego ya didirisiwa tsa sekole e tshwanetse go kgatlhisa gore barutabana le baithuti ba natefelelwe ke lefelo le ba direlang mo go lone.
Faa itebaganya le kgang ya metsi, Dr Gobotswang a re seemo se maswe thata kwa dikoleng le dikokelwana, ka jalo, go tlhoka thuso ya nakwana go santse go letetswe lenaneo la phatalatso ya metsi le tsweletseng mo kgaolong.
O ne gape a lekodisa banni ka tse di builweng kwa palamenteng ee fitileng, a tlatsa ka gore kgang ya gore dikhansele di fiwe dithata ga e ise e wele.
A re go botlhokwa gore dikhansele di ikemele, ka gore gompieno di tseelwa ditshwetso kgakala, mo a reng go dia ditlhabololo.
Mopalamente o ba tlhaloseditse gape gore go tlaa dirwa lenaneo la ditlhabololo la nakwana la ngwaga tse pedi, mme la NDP12 le tlaa simolola ka 2025, ka puso e akantse gore mo isagong lenaneo la ditlhabololo (NDP) le tsee dingwaga tse tlhano go tsamaelana le ditlhopho.
O ne gape a ba lekodisa ka kgang ya noka ya Limpopo, a re o batla e wela ka bonako gore Batswana ba kgone go akola mahumo a yone. Dr Gobotswanag a re ba ka dira dikgwebo tsa bojanala, ba tshwara ditlhapi, le go dira ditshingwana fa thoko noka.
Fa a itebaganya le kgang ya bogodu jwa leruo, o tlhalositse fa ele selelo sa lefatshe leno ka kakaretso, ka jalo a re go batla dikgotla tse di haphegileng go fefosa ditsheko tsa jone.
O ne gape a re go tshwanetse ganna le melao gore matshwao a leruo a kwadisiwe.
Mongwe wa banni, Rre Dipeba Ramontsho o ne a kopa puso go emela bogodu jwa leruo ka dinao, ka bo humanegisa Batswana.
Rre Kagiso Moatshe o ne a botsa gore ke eng puso e sa thuse Batswana ba dingwaga tse di fagare ka madi a tshwanang le aa thusang banana a lenaneo Youth Development Fund (YDF).
Are bagolo fa ba ka fiwa lenaneo leo, itsholelo ya lefatshe e ka gola, a tlhalosa fa go le gantsi dikgwebo tsa banana di sa dire sentle.
Mothusa modulasetilo wa Sefhare Sub-land Board, Rre Michael Kgwaadira a re le ntswa banni ba lela ka ditsha, bontsi ga botle go arabela dikopo tsa bone fa ba bidiwa.
A re bosheng ba ne ba biditse batho ba le 223 mme ba le lekgolo ba seka ba tla go arabela dikopo tsa bone. Fa itebaganya le kgang ya kwadiso ya ditsha, o tlhalositse fa go kwadisa ele molao o ba filweng go o diragatsa, a tlatsa ka gore kwadiso eo, e wela kgwedi eno e ya fifing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MACHANENG
Event :
Date : 18 Oct 2022