Ntlo ya Dikgosi e etela Selebi Phikwe
18 Oct 2022
Maloko a Ntlo Ya Dikgosi a ne a etetse moepo wa Premiere Nickel Resources Botswana kwa Selebi Phikwe, go bona maiteko a puso go tsosolosa moepo wa BCL le ditiro tse dingwe tse puso e di dirang go tsosolosa toropo e e kileng yabo e itsega ka go epa kopore.
Go tswalwa ga moepo wa BCL ka 2016 o jaanong o rekilweng ke Premiere Nickel Resources Botswana, go ne ga babalela itsholelo ya Selebi Phikwe.
Fa a amogela dikgosi, ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Lucas Modimana o ne a lebogela loeto le seabe sa bone mo go nonotsheng puso ya batho ka batho gammogo le go tlhabolola lefatshe leno.
Rre Modimana a re go tswa bogologolo, pele ga Botswana a ipusa, go ne go ikaegilwe ka dikgosi go bopaganya setshaba, selo se a reng se tshwanetse go salwa morago le go tlotlwa.
O supile fa Selebi Phikwe e ne ya nna lengwe la mafelo a a neng a amiwa thata ke mogare wa HIV/AIDS, go tswalwa ga moepo wa BCL mme morago ga tlhagoga mogare wa COVID-19 o o neng wa dira gore seemo se bifele pele.
Rre Modimana a re o dumela gore leeto lwa dikgosi le tlaa ba segofatsa le go ba tiisa moko, a supa fa maiteko a go tsosolosa toropo a tsweletse mme ba tshwaragane thata le ba khamphani ya SPEDU, go ngoka bagwebi.
O tlhalositse fa tema e setse e bonala ka go setse go na le dikhamphani tse ditona tse di setseng di simolotse go aga madirelo mme se, se tlisitse tsholofelo mo bogoging jwa toropo gore itsholelo e tlaa nna botoka.
E rile a tlhalosa ka maikaelelo a loeto, modulasetilo wa Ntlo Ya Dikgosi e bile e le kgosi ya Batlokwa, Kgosi Puso Gaborone, a supa fa go le botlhokwa gore dikgosi di itse se se diragalang mo lefatsheng la bone, bogolo jang ditlhabololo tse di dirwang ke puso.
A re go nna le borara jo bo nang le dikitso ebile ba rutegile go ka thusa go tlhabolola lefatshe ka e le bone ba eteletseng setshaba pele ebile ba diragatsa mananeo a puso.
Kgosi Puso a re Ntlo Ya dikgosi e na le seabe se se tona mo ditlhabololong tsa lefatshe ka e le bone ba gakolodi ba puso ka bontsi jwa ditshwetso tse di tsewang di ama thata setshaba se ba se eteletseng.
A re ba bone go le botlhokwa go etela Selebi Phikwe go tla go buisana le go amogela maiteko a a dirwang ke puso, boeteledipele jwa toropo le makalana a a ikemetseng, go tsosolosa toropo.
Kgosi Puso o rotloeditse boeteledipele jwa toropo go tswelela ba tshwaragane le morafe le dikhamphani tse di ikemetseng, go thusa puso go tlhabolola matshelo a Batswana, a supa fa kwelo tlase ya itsholelo e sa letle gore puso e dire dilo dingwe tse e kileng ya bo e di dira. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Dikgosi di etetse moepo
Date : 18 Oct 2022