Breaking News

BPC e tsibogela kgaogo ya motlakase kwa Tutume

18 Oct 2022

 Banni ba Tutume ba boleletswe go re kgaogo ya motlakase e e neng e diragala mo motseng wa bone mo dibekeng tse pedi tse di fetileng, e ne e dirwa ke tshenyego kwa go fetlhwang motlakase teng.

Mogolwane wa komponi ya Botswana Power Corporation (BPC) kwa Francistown, Rre Tebogo Zimba o tlhalositse jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Tutume ka Mosupologo.

Rre Zimba a re metse ya dikgaolo tsa Nkange le Bokone Botlhaba e thusiwa ka motlakase o o tswang kwa mafaratlhatlheng a Francistown. 

A re ka go tlhoka lesego, mafaratlhatlha ao a senyegile mme seo sa dira go re go nne le tlhaelo ya motlakase.

O boletse fa lefelo leo le batla go baakangwa, mme ba tsweletse ka thulaganyo ya go baakanya seemo seo.

A re kgaogo ya motlakase nako tse dingwe e dirwa ke mapako a a jelweng ke motlhwa, megala e e onetseng le magodu a a utswang megala ya motlakase, a gatelela ka go re seo se busetsa tiro ya bone kwa morago ka megala eo e tura ebile e rekwa kwa ntle ga lefatshe.

O kopile banni go tshwaragana le mapodisi go lwantsha bogodu jwa megala ya motlakase.

Rre Zimba a re ka ba santse ba lebagane le namane e tona ya go baakanya seemo gore se boele mo taolong, batho ba tla itemogela kgaogo ya motlakase beke le beke ka letsatsi la Tshipi, go simologa ka nako ya borobabedi phakela go ema ka nako ya botlhano maitseboeng.

A re mo nakong ya gompieno ba dira mafaratlhatlha (sub-station) kwa kgaolong ya Bokone botlhaba, a a thusang go isa motlakase kwa kgaolong ya Nkange.

Banni ba ne ba ngongorega ka go tlhoka go rerisiwa tebang le kgaogo eo, ba supa fa ba senyegetswe ke didirisiwa ntateng ya kgaogo ya motlakase.

Ba re gape ba koporase ya motlakase ba fetisa dinako tse ba di beileng tsa go busetsa motlakase ka dioura tse di ntsi, mme seo se feletse se dira go re dijo tsa bone di senyege.

Rre Phumulani Vambo ene o kopile gore go agwe lefelo la mafaratlhatlha mo Tutume ka motse o godile.

A re seo ke sone se se dirang gore go nne go nna le kgaogo ya motlakase kgapetsakgapetsa, a gatelela ka gore fa Tutume a ka ikemela ka nosi go ka fema seemo seo.

Monni yo mongwe, Rre Edson Woto, o ne a kgala tshwetso e e tserweng ke ba kompone eo go kgaola motlakase ka Letsatsi la Tshipi mongwe le mongwe, a re tshwetso eo ba e tsere ntle le therisanyo le morafe.

O rotloeditse kompone go nna e rerisa banni gore ba tseye ditshwetso ba le moono mongwe fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : phuthego ya kgotla

Date : 18 Oct 2022