Breaking News

A phepafatso tikologo e nne selomodiro

17 Oct 2022

Banni ba metse ya Ramokgwebana le Jackalas No 1 ba kgothaditswe go tsaya phepafatso tikologo ya bone e ka nako tsotlhe. 

  Ba boleletswe gore go gasagasa matlakala go diphatsa mo bathong le mo diphologong tota, ka di na le mokgwa wa go ja dipolasetiki, ka jalo ke boikarabelo jwa botlhe go phepafatsa tikologo. 

 Se se builwe ke dibui ka go farologana jaaka kompone ya Hyprop (Pty) Ltd, e e itebagantseng le go olela matlakala le kgopo ya metsi a a leswe, e ne e boloditse letsholo la go phepafatsa motse wa Jackalas No 1 le kgoro ya molelwane wa Ramokgwebana ka Labotlhano.

Kompone ya Hyprop e filwe tiro ke khansele ya Bokone Botlhaba go tsaya matlakala kwa metseng ya Ramokgwebana, Jackalas No 1 le kwa kgorong ya molelwane ya Ramokgwebana, mme e ne ya bona go le maleba go bolotsa letsholo la go phepafatsa tikologo e e direlang mo go yone.

Hyprop e dirile tiro eo ka tshwaragano le bodiredi jwa lekalana la tshomarelo tikologo la khansele ya Bokone Botlhaba le ba maphata a mangwe a puso, a a ikemetseng ga mmogo le morafe wa Jackalas No 1.

 E rile ba bua morago ga phepafatso eo, dibui di ne tsa akgola tiro e e dirilweng ke kompone ya Hyprop, ba bo gape ba galaletsa banni ba Jackalas No 1 go bo ba ne ba tshologela letsholo leo ka dipalo tse di nametsang.

Mogolwane mo ofising ya tlhokomelo tikologo mo khanseleng ya Bokone Botlhaba, Rre Martin Charles a re tikologo e e phepa e botlhokwa thata mo lefatsheng, ka e ka kgatlha leitlho la baeti ba ba tswang kwa ntle ga lefatshe.

O tsweletse a re ka jaana motse wa Jackalas No 1 le kgoro ya molelwane ya Ramokgwebana e le tsone difatlhego tsa ntlha go kgatlhantsha baeng ba ba tsenang mono go tswa kwa lefatsheng la Zimbabwe, ka jalo go le botlhokwa gore di nne phepa ka metlha yotlhe.

Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana ya Ramokgwebana, Rre Godfrey Smile a re phepafatso mo malwapeng, tikologo le motse ka kakaretso, e tshwanetse ya nna sejo sa tsatsi le letsatsi sa mongwe le mongwe jaaka go tlwaelesegile go tswa goo-lowe.

Mokhanselara Smile o ne a iteela kobo moroko ka go leboga banni ba Jackalas No 1 ka go tsibogela mokgosi wa ba Hyprop ka dipalo tse di kwa godimo, a re go supa ba ikaeletse go direla motse wa bone ka botswapelo.

O ne a bo a leboga botlhe ba ba neng ba ipha matsapa a go tla go tsaya karolo mo letsholong leo.

Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane yo o itebagantseng le ditiro tsa kompone eo (Project Manager), Rre Kenalemang Florick o supile fa ba rulaganya letsholo leo ngwaga le ngwaga, mo metseng ka go farologana ya lefatshe leno.

Rre Florick a re maikaelelo ke go rotloetsa le go tsibosa setshaba ka botlhokwa jwa phepafatso tokologo le gone go tla go abelana megopolo le bone ga mmogo le ba-na- le seabe ba bangwe ka tlhokomelo ya matlakala. 

A re ba leka gape go rotloetsa tshwaragano le tirisanyo mmogo gareng ga bone le morafe o ba direlang mo tikologong ya one. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : JACKALAS NO 1

Event : letsholo la go phepafatsa motse wa Jackalas No 1

Date : 17 Oct 2022