Breaking News

Emang balwetse ba tlhaloganyo nokeng -Mokgothatsi Jackalas

17 Oct 2022

Kgethololo e e ntsi mo balwetseng ba tlhaloganyo e na le seabe mo go itobeng ga ba ba amilweng ke bolwetse ka ba sa ithute ka bolwetse le gone go itse gore ba ka bua le mang.   

Ka jalo setshaba se kopilwe go ema balwetse ba tlhaloganyo nokeng ka se, se ka thusa go fenya bolwetse jo ka botsogo jwa tlhaloganyo bo le botlhokwa mo botshelong jwa motho.

Mafoko a, a boletswe ke mokgothatsi Mme Tlhalefo Jackalas kwa segopotsong sa bolwetse jwa tlhaloganyo le le neng le tshwaretswe kwa Ditshegwane ka Labotlhano mo setlhogo se se neng se re Eteletsa botsogo jwa tlhaloganyo pele.

A re botsogo jwa tlhaloganyo konokono ka ke ka fa motho a akanyang ka teng, a buisanyang le go tshedisanya le ba bangwe ka teng, mme ebile go sena botsogo fa tlhaloganyo e sa tsoga.

A re batho ba le bantsi ba amilwe ke bolwetse jwa tlhaloganyo, mme fa ba sa itse ka jone bo tsile go ba kgaoganya. Mme Jackalas yo e neng e le sebui sa tlotla, o supile fa go na le dilo tse di ka bakang bolwetse jwa tlhaloganyo jaaka kgokgontsho, lehuma, dikoloto, go tlhoka go tsoga mo mmeleng, bodutu, go gatelelwa ke maikutlo, go lebala mo go feteletseng, go ja mo go feteletseng, go boifa dilonyana, go fetola maikutlo le go itumela mo go feteletseng kana go tenega mo go feteletseng.

Mme Jackalas o supile fa batho ba ka fenya bolwetse jwa tlhaloganyo ka go thusanya, ba bua le batho ba sa iphitlhe, go batla thuso, go ja sentle le gone go go ipha nako ya go itlosa bodutu.

O tlhalositse fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo ka baka go bolaana, bana ba ka siela kwa diritibatsing, go dirisa bojalwa botlhaswa le gone go tshela batho ba sena sepe ka sepe, a supa gape fa dikgang tse tsotlhe di ka dira gore lefatshe le dirise madi a mantsi go leka go ba thusa.

A re dikai di akaretsa go gatelelwa ke maikutlo, go lapela ruri, kutlobotlhoko e e feteletseng, go lebala kgapetsakgapetsa, go se robale sentle, go nna le dikakanyo tsa go ikgapela botshelo le go sulafelelwa ke sengwe le sengwe.

Mme Jackalas o ne a supa fa batho ba ka bona thuso kwa dipateleng, kwa makalaneng a tshidilo maikutlo le gone go batlisisa mo tsebeng ya sefatlhego ya Tshidilong.

Mooki wa bolwetse jwa tlhaloganyo kwa kokelwaneng ya  Letlhakeng Mme Keletso Setuke o ne a tlhalosa fa letsatsi la Botsogo jwa tlhaloganyo le ipelelwa ka kgwedi ya Phalane e le lesome, mme le simolotse go ipelelwa ka ngwaga wa 1992.

O tlhalositse fa kgaolo potlana ya Letlhakeng e na le baoki ba bolwetse jwa tlhaloganyo ba le batlhano, a supa fa kgang e tona ya bolwetse jwa tlhaloganyo e le go goga motokwane.

Mme Setuke o tlhalositse fa ba kgona go lekola batho ba le 135-150 ba itekodisa ka malwetse a amanang le bolwetse jwa tlhaloganyo.

O tlhalositse fa mo kgaolong potlana ya Letlhakeng basadi ba le bantsi ba na le mathata a go batla go ikgapela botshelo, fa banna bone ba ipolaya.

Fa a amogela baeng kwa tirong eo Kgosi Selelo Kelebang a supa fa letsatsi le le tsile ka nako e e siameng ka jaana ba na le balwetse ba bantsi kwa motseng wa Ditshegwane.

Mo malebong mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Ditshegwane Rre Onthusitse Kalayamore o ne a lebogela tiro eo, a supa fa bana ba le bantsi ba gatelelwa ke maikutlo ka ntlha ya go tlhokomela bomonnaabone, batsadi ba bone ba le kwa masimo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : DITSHEGWANE

Event : Segopotso sa bolwetse jwa tlhaloganyo

Date : 17 Oct 2022