Khekhene o tlhophilwe kgosi ya Werda
17 Oct 2022
Morafhe wa Werda mo Kgalagadi Borwa o tlhophile Rre Bruce Khekhene go nna kgosi morago ga go iteisanya borathana le bontlhopheng ba le lesome le boherabobedi ka Matlhatso.
Mo ditlhophong tseo go tlhophile batlhophi ba le 1 375 mme Kgosana Khekhene o tlhophilwe ke banni ba le 357 a longwa serota ke Rre Johannes Esterhuizen ka batlhophi ba le 208 ga latela Rre Tshepo Mckenzie ka batlhophi ba le 118.
Mo potsolotsong morago ga go fenya ditlhopho tseo, Rre Khekhene yo o tsetsweng ka ngwaga wa 1981 a re batsadi ba gagwe ba tlholega ko motseng wa Kokong ke Bangologa mme batsadi ba ne ba aga mo motseng wa Werda ko a goletseng teng a bo a tsena dikole teng.
A re ka ngwaga wa 2010 batsadi ba ne ba mo tlhopha go etelela pele kgotlana ya Tlharong mo motseng wa Werda.
A re e ne ya re morago kgotlana eo ya kgaoganngwa gabedi fa motse o ntse o gola.
O supile gore o ne a tsaya boikarabelo joo ka nako ya fa bogosana bo ne bo sa duelelwe mme o ne a ithaopa mo tirong eo dingwaga di boherabobedi.
A tlhalosa gore e ne ya re morago puso ya tsaya tshwetso ya go simolola go atswa dikgosana ka ngwaga wa 2018 ka nako eo o ne a le kgosana ya tetlanyo.
A re se se dirileng gore a itlhome ko pele mo nakong eno ke gore morafhe o ne wa mo kopa go emela ditlhopho tsa bo sub-chief ka ba ne ba lemogile tirisano mmogo ya gagwe e ntle le morafhe ka nako e telele.
A re ka morafe o tsere tshwetso ya go mo tlhoma go etelela morafhe otlhe wa Werda pele maikaelelo a gagwe ke go letlanya morafe. A supa jalo gore motse oo o na le merafe e e farolonyeng.
“Keletso yame ke gore re seka ra nna makgamu, re nne seopo sengwe ka gore rotlhe re Batswana” a bolela.
Rre Khekhene yo o emetseng go tlhongwa semmuso go nna kgosi morago ga go tlhophiwa a re Werda ke motse o motona o o tlhokang go tlhabololwa mme o tsena a ikiteile sehuba go emela ditlhabololo tsa motse oo ka dinao.
Molaodi wa Kgaolo ya Kgalagadi Borwa Rre Bigboy Mangwa yo a neng a tsamaisa ditlhopho tseo a re di tsamaile ka thelelo ka ba simolotse sentle ka nako, go nnile le tirisanyo e ntle le naalano gareng ga morafhe le batlhophisi.
A supa jalo gore ga baa itemogela makgwere ape ka tsotlhe di ne di apere tshiamo ka Matlhatso.
A re go tlhophiwa ga kgosi kwa Werda go tsere nako e telele morago ga gore kgosi wa pele yo a neng a itlhophetswe ke morafhe Rre Keleofile Phihadu a fologe setilo seo ka kgwedi ya Tlhakole 2020 mme go tlhagoga ga mogare wa COVID 19 ga kgoreletsa gore go tshware ditlhopho.
A re metse e e neng e tshwanelwa ke go tlhophelwa bo Kgosi mo kgaolong eo e ne e le mene mme metse e mengwe e setse e weditse ditlhopho bo-kgosi ba setse ba theogetse ko Kokotsha, Draaihoek, le Makopong mme go ne go setse wa Werda.
Motshwarelela Kgosi ya Werda, Kgosi David Megano o lebogetse gore banni ba motse oo ba diragaditse dikeletso tsa bone. A re banni bao ba dirile ditso ka go itlhophela yo ba mmatlang. A supa gore bogosi bo dirwa ka manontlhotlho ka jalo go botlhokwa go dira seo ka matsetseleko ba dira se se tswang mo botennyeng jwa dipelo tsa bone.
O ne a ba kopa gore thulaganyo e ba e dirileng e seka ya ba kgaoganya ka gope mme ba bopaganne ba nne seopo sengwe.
“Lo morafe o le mongwefela, lo diragaditse tshwetso ya lona e lo saleng lo e eletsa. Ke a lo akgola go nna pelotelele mo tlhophong e. A tshwaragano e e nne teng go ya pele,” a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : WERDA
Event : ditlhopho tsa kgosi
Date : 17 Oct 2022