Azusa Academy e tlotla Bishop Molosiwa
17 Oct 2022
Sekole sa baruti sa Azusa Academy of Excellence se abetse Bishop Molosiwa Molosiwa wa Kereke ya Morning Star Apostolic Church of Christ tlotla ya Doctor of Philosophy go lemoga ka fa a diretseng kereke le setshaba ka teng.
Bishop Molosiwa yo diretseng mo moepong wa BCL ka lebaka mme morago a go tlogela tiro ka bogodi, o ne a tlhophiwa go nna mokhanselara yo o ikemetseng mme a tlhophiwa go etelela toropo ya Selebi Phikwe dingwaga di le lesome go fitlhela ngwaga wa 2019.
Le fa ditiro tsa setshaba di ne di mo farafarile, Bishop Molosiwa yo mo nakong eno a dirang ele Kgosi wa kgotla ya Kagiso kwa Selebi Phikwe, ga a ise a ipone tsapa go direla modimo ka jalo kereke ya gagwe ya Morning Star Apostolic Church of Christ ya mo tlhatlosa maemo go nna Bishop.
Fa a abela Bishop Molosiwa tlotla e mo boemong jwa sekole sa Azusa kwa Selebi Phikwe ka Matlhatso, Mothusa mogokgo wa sekole se Reverend Dr Jeremiah Mothibi a re tlotla e ga e a tla fela, mme e tsile ka lebaka la gore ditiro tsa ga Bishop Molosiwa di ne tsa kgatlha sekolo sa Azusa ba tshwaragane le bomorwarraabone kwa Ghana.
A re boineelo, bopelotelele, go bereka ka natla le botswapelo ga ga Bishop Molosiwa go dirile gore a fiwe tlotla ya Dr of Philosophy morago ga go dira dipatlisiso ka ga gagwe.“Re le ba Azusa re motlotlo fela thata ka Bishop Molosiwa,” ga bua jalo Reverend Dr Mothibi.
Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa khansele ya Selebi Phikwe Rre Stephen Motlogelwa yo o berekileng le Bishop Molosiwa ka lebaka lo le leele e santse e le moeteledipele wa khansele ya Selebi Phikwe, a re go maleba ebile go a tshwanela gore Bishop Molosiwa a ba a filwe tlotla e.
A re mo perekong ya gagwe le Bishop Molosiwa, ba berekile mmogo ka kagiso le neelano go tlhabolola matshelo a batho ba toropo ya Selebi Phikwe.
A re khansele e goga ka makalana a mabedi, bodirelapuso le makhanselara ka jalo fa bobedi jo bo ka seke go goge mmogo sentle, tsela e tsena ka sekgwa mme ditlamorago tsa teng di kokonele Batswana ba ba tsayang ditlamelo kwa khanseleng.
Ba lelwapa la gagwe le bone ba lebogile thata ka tlotla e e filweng Bishop Molosiwa, ba re go supa fa e le ngwana yo o utlwang e bile a bereka le batho sentle.Fa amogela tlotla eo Bishop Molosiwa o lebogetse ba Azusa Academy of Excellence go bo ba mo file tlotla e, a solofetsa gore o tlaa tsamaya a e rwele jaaka a ntse a direla setshaba.
Bishop Molosiwa yo jaanong a tlaa bong a bidiwa Dr Molosiwa, a re go botlhokwa go bereka le batho ka boineelo le kagiso e bile o rerisana le batho, selo se a reng se mo dirile se a leng sone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Kabo tlotla
Date : 17 Oct 2022