Kgosi Malope II o bolotsa letsema
17 Oct 2022
Kgosi Kgolo wa Bangwaketse, Kgosi Malope II o kgothaditse morafe wa gagwe go ipaakanyetsa go lema go santse gona le nako, gore fa dipula di goroga ba bo ba setse bale malala a laotswe.
O roletse morafe mafoko a mo phuthegong e a neng a e tshwere bosheng.
O supile fa go bulelwa letsema go raa gore go pegwa le go folosiwa ga ditseo ga mmogo le ditsheko go tlaa nama go tswaletswe. A re ditseo tsa bofelo di tlaa tswalelwa ka Sedimonthole a fera bobedi, mme di bulelwe ga mmogo le ditsheko ngwaga oo tlang ka Hirikgong a tlhola malatsi ale lesome le botlhano.
Kgosi Malope II o ile a supa fa a tshwentswe ke go timela ga batho mo ga ngwaketse le Botswana ka kakaretso. A re o ipotsa gore se se dirwa ke eng, a supa gore mo dingwageng tse di fitileng batho ba ntse ba sa timele ka bokete jo ba timelang ka teng malatsi ano.
O ile a supa fa a tshwentswe gape ke maduo a bana aba dikole, ka jalo a kopa batsadi gore ba bone gore ba dira jang go tokafatsa seemo.
Kgosi Malope II o ne a supa fa nako e tsile ya gore go sekasekiwe molao wa bana (Children’s Act), go bona gore ke dife dikgoreletsi tse di dirang gore go nne thata gore bana ba laolesege, a tlatsa ka gore se se ka thusa gore bana ba tlhokomelesege botoka.
A re le fa go ntse jalo, o tlhaloganya gore gona le batsadi bangwe ba ba kgalemelang bana ka dikotlhao tse di bogale abo ba ipata ka molao wa bana, ba supa fa o gatelela batsadi, a supa fa batsadi ba sa tshwanela go ikgatholosa go tlhokomela bana ba bone ka ntlha ya gore bana bana ke melao e e tseng ee ba sireletsang gore ba kgokgontshiwe.Mo go tse dingwe, Kgosi Malope II o supile fa ana le kakanyo ya go tlhama lekoko le le ka mo gakololang ka ditlhabololo tsa kgaolo. “Ga re kake ra baa fela mo pusong gore nako le nako puso ebo ele yone fela e tsayang karolo e ntsi ka ditlhabololo tsa motse. Fa re kopanya ditlhogo gona le dilo tse dintsi tse re ka di dirang go tlhabolola kgaolo ya rona,” a tlhalosa jalo.
Kgosi Malope II o ile a akgola morafe wa gagwe gobo o mo nyadisitse ka lerato, a supa fa ba dirile tiro e ntle thata.
Fa a latlhela la gagwe, Rramapodisi wa Kgaolo 14, Rre Bannetse Keakile o supile fa ele boammaaruri batho ba nyelela ka dipalo tse di ko godimo mo kgaolong ya ga Ngwaketse, a tlatsa ka gore ngwaga o, go nyeletse batho bale 20 mo kgaolong.
O ile a kopa morafe ka kakaretso go dira ka natla go tlhokomela batsadi le bana a supa fa gantsi tiragalo ya mofuta o e rotloediwa ke tlhokomelo e e sa itumediseng ya bagolo le bana.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Oct 2022