Seka sekang ngwao-Mme Masisi
17 Oct 2022
Magosi le baeteledipele ba merafe ba kopilwe go seka seka ngwao bogolo jang e e bayang bomme le bana ka fa mosing.
Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi o kopile se kwa kabong dietsele ya gagwe ya ntlha bosheng mo Gaborone.
Kabo dietsele eo e ne e itebagantse le go lwantsha kgokgontsho ya bong.
Fa a bua kwa moletlong, Mme Masisi a re go le gantsi ngwao le ditso tsa ngwao mo merafeng ka go farologana, e rotloetsa kgokgontsho bogolo jang ya bomme le bana ba basetsana.
Mohumagadi waga Tautona o supile fa kgokgontsho e tswa kgakala e bile go lemosegile fa e ne ya oketsega ka nako ya segajaja sa COVID-19 ka jalo, ba gwetlhega go tsweledisa letsholo la go e lwantsha.
Boeteledipele jwa lefatshe go simolola ka Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi ba ne ba kgalema, ba ikuela, ba ntsha kopo ya gore segajaja se se amang segolo jang bomme le bana ba basetsana se emisiwe ebile se emelwe ka dinao ke botlhe.
O lebogile ba tsaya karolo botlhe ba ba neng ba tshwaraganetse go lwantsha mmaba ka ditsela tse di farologaneng, a supa fa se se ka dira gore lefatshe le kgone go fitlhelela toro ya 2036 e Batswana ba reng e atlegisa botlhe mo pilareng ya bobedi ya tlhabololo botho le loago.
Mme Masisi o tlhalositse fa moletlo o itebagantse le dintlha tse pedi, a re santlha baemedi ba dikgaolwana ka go farologana ba tlaa fa bosupi jwa gore ba bone eng, ebile ba setse ba tsweledisa molelo jang morago ga loeto lwa gagwe.
Ntlha ya bobedi e tlaa nna go abela banana ba ba duleng ka megopolo gore kgokgontsho e ka thibelwa jang mo setshabeng, dietsele.
Mme Masisi o akgotse banana botlhe ba ba neng ba tseneleletse kgaisano, a re maiteko a bone a a lemogiwa ebile a lebogiwa, a bo a gatelela fa maiteko a bone a supa fa le bone ba kgathalela go lwantsha seemo se.
Mohumagadi o ne a bolelela bomme le bana fa e le bone ba ka kgaolang tlhale e e dirang gore kgokgntsho ya bong e tswlelele, ka go bua le go ntshetsa kwa ntle
A re bahumagadi ke leitlho laboraro la borre jaaka ba tshwere boeteledipele ka jalo, le bone ba tsenye letsogo ba lwantshe mmaba.
Fa a tlhalosa ka kgaisano, Mme Elizabeth Motshubi-Nthobatsang o boletse fa banana go tswa kwa dikgaolwaneng tse thataro tse di neng di etetswe ke mohumagadi ba ne ba tsenelela kgaisano go supa maikaelelo a bone a go emisa kgokgontsho.O supile fa dikgaolwana tse di ne di akaretsa Goodhope, Ghanzi, Molepolole, Letlhakane, Maun le Mogoditshane.
Mme Motshubi-Nthobatsang o tlhalositse gore lenaneo le ne la lebelelwa ke komiti ya baitseanepe ba kgokgontsho ka go farologana, ba kanoka gore ke mang yo o tsileng ka mananeo a a lekang go tswala phatlha ya kgokgontsho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Naomi Leepile
Location : GABORONE
Event : kabo dietsele
Date : 17 Oct 2022