Breaking News

Mogorosi o bolotsa ntwa kgatlhanong le bolwetse jwa malaria

16 Oct 2022

Bolwetse jwa Malaria bo supilwe fa bo le borai fela thata ka bo kgona go bolaya batho ba ka nna dikete di le makgolo a mane ka ngwaga lefatshe ka bophara.

Mokhanselara wa Serowe Legare, Rre Atamelang Thaga o buile jalo kwa tshimolodisong ya paka ya bolwetse jwa Malaria ka laboraro kwa Mogorosi.

Letsatsi le, le ne le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng, Meraka/masimo, boremelelo jwa Malaria.

Rre Thaga a re lefatshe la Botswana le itlamile go nyeletsa bolwetse jwa malaria ka ngwaga wa 2025.

O tsweletse ka go gwetlha botlhe go tsaya karolo mo letsholong le, ka gore ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe. “Ke le rotloetsa fela lotlhe go tlhokomela le go phepafatsa tikologo ya lona ka go katela mahuti a a ka emang metsi, le go kgaola bojang jo boleele jo bo ka nna bonno jwa monang.

Mme Chawada Modikwa, yo eleng mooki kwa kokelwaneng ya Thabala, o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi le, e le go simolodisa paka ya Malaria, go tsibosa le go tsisa kitso mo setshabeng ka bolwetse jo.

 O tsweletse ka go supa fa ba dira se ka maikaelelo a go kganela gore bolwetse bo seka jwa kekela mo motseng.

“E ne yare ka ngwaga wa 2009, lefatshe leno la tsaya tshwetso ya go simolodisa ntwa kgatlhanong le Malaria mo dikgaolong tsotlhe ka bophara” ga bua jalo Dr Onkgopotse Oduetse.

Dr Oduetse a re maikaelelo a bone e le ba botsogo ke go nyeletsa malaria.

A re ba ne ba lemoga fa ba ka seke ba kgone go dira seo ba le nosi, ka jalo ba tsaya tshwetso ya go akaretsa setshaba mo letsholong le.

Dr Oduetse a re ba tsere tshwetso ya go tla go simolodisetsa paka ya Malaria mo Mogorosi ka ba itemogetse gore ka ngwaga wa 2019-2020 go ne ga gatisiwa dikgetsi di le masome a mabedi, mme mo palong eo motho a le mongwefela o ne a tlhokafala mo kgaolong potlana ya Serowe.

Go bolelwa fa di le lesome le boraro mo go tsone di ne di tswa kwa Mogorosi le masimo le meraka e bapileng le motse oo, dingwe dipalo di ne di tswa mo Serowe le metsana e mengwe, fa motse wa Mogorisi o ne o ne o di goga ko pele.

Ka 2020-2021, dikgetsi tsa bolwetsi joo kwa Mogorosi di ne di le nne, fa kwa Serowe di ne di le pedi. 

Ka 2021-2022, dikgetsi di ne di le tlhano, tse pedi kwa merakeng ya Mogorosi fa tse tharo di tswa ko metseng e e bapileng le Mogorosi, ga tlhalosa Dr Oduetse.

A re batho ba rotloediwa go katela mahuti go itsa go ema ga metsi, go kgaola ditlhare le go ntsha leswe lotlhe le le ka bakang monang.

“Re tshwanetse go tiya moko gore reka fenya ntwa e ka gore gompieno lefatshe la Lesotho le tlhomamisitswe fa le sena kgetsi epe ya Malaria” a gatelela seo.

Dr Oduetse a re go nyeletsa bolwetse jo e tla bo e le go somarela matshelo a Batswana, ka e bile palo ya rona mo Botswana e le kwa tlase fela thata.

Mme Betty Ponafalo o ne a fa bopaki ka bolwetse jwa Malaria, a tlhalosa gore rre yo a tshelang le ene Rre Baboletse Keosaletse o ne a simologelwa ke bolwetse a le kwa masimong ka kgwedi ya Tlhakole.

A re dingwe tsa dikai tse di neng di bonala e ne e le go ntshofala mo go feteletseng le mogote o o kwa godimo.

A re fa seemo se tlaa tsaya phekelo e sele, ke fa motlhapo o gana go tswa. Mme Ponafalo a re ba ne ba mo ragosetsa kwa kokelwaneng kwa a fetileng a fiwa dipilisi tse di ritibatsang ditlhabi, mme bolwetsi jwa golela pele.

A re e ne ya re ka kgwedi ya Mopitlo, ba kokelwana ba mo tlhatlhobela Malaria mme ba fithela e le one. A re Rre Keosaletse o ne a kgona go simolola kalafi ya bolwetse jwa Malaria mme a kgona go fola.

Mme Ponafalo o rotloeditse batho go nna ba tsibogela go ya dikokelong fa ba sa ikutlwe sentle gape ba ele tlhoko dikai tsa makoa ka go farologana gore ba kgone go ikaela ba bongaka gore ba thusege ka bonako. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : Mogorosi

Event : Tshimolodisong ya paka ya bolwetse jwa Malaria

Date : 16 Oct 2022