Mapodisi a tshegeditse babelaelwa mabapi le bogodu jwa dipodi
16 Oct 2022
Mapodisi a Werda ba tshegeditse babelaelwa ba le batlhano go thusa mo ditlhotlhomisong morago ga gore bangwe ba bone ba fitlhelwe ka dinama tsa dipodi tse go belaesegang e le tsa bogodu.
Mapodisi a ne a longwa tsebe ke mongwe kgwedi eno e tlhola ga rataro gore go na le dilalome dingwe tse di tlhabang dipodi mo nageng mme ba ye go di rekisa kwa Gaborone.
Mo potsolotsong ka Labotlhano, Mookamela mapodisi a Werda mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa Superintendent Mompoloki Ramatsia o boletse fa ka tshwaragano ya mapodisi a Werda le ba Special Support Group (SSG) ba tshegeditse banna ba le bararo ba dingwaga tse di magareng ga masome a mararo go ya kwa go tse di masome a mararo le borataro.
Mapodisi ba ne ba lata motlhala mme ya re mo ditlhotlhomisong ba belaelwa ba, ba isa mapodisi kwa lefelong la ditiragalo, mme ba ntsha mosi ka sekhuromelo gore ba rekiseditse bomme ba le babedi kwa Metsimotlhabe nama ya dipodi tseo, ba ba neng ba fitlhelwa ka dinama tsa dipodi tse supa.
Bobedi jwa bo rre ba tlholega kwa motseng wa Werda fa a le mongwe a tlholega kwa Kalfontein mo kgaolong ya Ghanzi. Bomme ka bobedi ba tlholega kwa motseng wa Tonota.
Superintendent Ramatsia o ne a supa fa dipodi tseo di fitlhetsweng mo ditsidifatsing di ne dile pope go kgaotswe ditlhogo, ditlhako, di builwe ebile din ntshitswe mateng, selo se se rurifatsang fa e le tsa bogodu ka go lebega fa di ne di sa buiwa sentle, bogolo jang ka di tlhabiwa bosigo.
O boletse fa go belaesega fa dilalome tseo di tswa kgakala ka borukutlhi joo ka barui ba le bantsi ba lela ka go nyelela ga dipodi mo masakeng bosigo fa ba robetse le gore dingwe tsa tsone ga di boe go tswa mahulong maitsiboa fa di tshwanetse go tlhatlhelwa.
A re mo ditlhotlhomisong tsa mapodisi go ne ga lemosega fa go na lefelo le dirukutlhi tseo ba neng ba tlhabela dipodi teng mo sekgweng gaufi le motse wa Werda ka go lebega le dibatana di ne di setse di fudugetse teng go ya go ja masalela.
A re mo nakong ya gompieno babelaelwa ba setse ba itshupile fa pele ga lekgotla la ga Mmakaseterata mme ba tlaa ya gape mo bogaufing, a tlatsa ka gore fa ba ka bonwa molato ba tlaa atlholelwa molato wa bogodu jwa leruo.
O boletse fa mo nakong ya gompieno ba setse ba gatisitse dikgetsi di le tlhano tsa mofuta oo wa bogodu bogolo jang mo motseng wa Makopong le Draaihoek.
Superintendent Ramatsia o ne a gakolola barui le setshaba ka kakaretso go tlhokomela leruo ka go le tlhola kgapetsa-kgapetsa le gone go nna gaufi le meraka ya bone. O ne a ba kopa gape go tswelela ba bereka le mapodisi ka go ba loma tsebe ka jaana ‘mmutla o tla seke o rothe madi’ go thusa go fokotsa borukutlhi jo bo farologanyenng mo lefatsheng leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Werda
Event : Potsolotso
Date : 16 Oct 2022