Breaking News

Ba Moshaweng ba lela ka ditsela

16 Oct 2022

Banni ba Moshaweng mo kgaolong ya Letlhakeng/Lephephe ba kopile puso go tsibogela go baakanya  ditsela tsa bone tse ba tlhalosang fa di se mo seemong se se siameng. 

  Ba re  go baakanya ditsela go ka fetola matshelo a bone, ka ditsela e le nngwe ya ditlhabololo tse di ka ngokang bagwebi.

Morafe o supile se, mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo Rre Liakat Kablay bosheng.

Mo tekodisong Kgosi Kegobonye Maruping wa motse oo, o ne a supa fa nako e tsile ya gore puso e tshele tsela eo sekontere.

Kgosi a re o kopa gore tsela ya Molepolole-Moshaweng e tshelwe sekonotere ka jaana seo se ka fetola matshelo a bone fela thata.

O ne a supa fa ba tswa goo lowe ba ntse ba kopa puso gore e ba thuse seemo sa tsela eo mme nako kgolo eno.

Modulasetilo wa Komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Kagiso Bafitlhile le ene mo pegong ya gagwe o ne a kopa Mopalamente gore a tsibogele go ba thusa gore tsela eo e tshelwe sekontere.

A re dikoloi tsa batho di a senyega ka lebaka la tsela eo mme seo se baya matshelo a bone mo kotsing.

Rre Moshe Metlhale a re tsela e nngwe e e batlang go baakanngwa ke ya Moshaweng-Ditshegwane ka le yone e le maswe fela thata.

A re go na le fa tsela eo e tswang metsi teng mme e tlhokana le go potlakelwa go baakanngwa bogolo jang ka dikoloi di tshabelelwa ke go palelelwa teng.

Rre Motlhale o ne a supa fa di tsela tseo di tshwanetse tsa fiwa tlhokomelo gore di babalele dikoloi tsa batho.

E rile mopalamente Rre Kablay a araba selelo sa bone a supa fa a itse sentle ka seemo sa tsela eo mme puso e tsweletse ka go dira maiteko a go thusa go e baakanya.

A re mo kanong ya gompieno puso ga e na madi a go baakanya tsela go e tshela sekonotere mme khansele e tsweleltse ka go gopa tsela eo gore e kgone go tsamaega.

Rre Kablay a supa fa go le thata go akanyetsa ditlhabololo mme di seo mo ditlogamaanong tsa ditlhabololo tsa lefatshe.

Mopalamente o ne a supa fa lenaneo la ditlhabololo la NDP 11 le tla bokhutlong ngwaga o o tlang mme o na le tsholofelo ya gore le le tla dirwang, ditsela tsa kgaolo ya gagwe le matlhoki a mangwe a tla akarediwa mo lenaneong leo.

Rre Kablay o ne a lekodisa morafe ka melao e e fetisitsweng ko palamenteng jaaka wa go rekisiwa ga motsoko, molao wa ba-na-le bogole le wa go oketsa dikgaolo tsa mapalemente.

E re ka morafe o ne gape wa supa selelo sa ditsela tsa mo motseng, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Letlhakeng Rre Tumelo Seboko o ne a supa fa di tsela tsa bone tsa mo motseng di tla baakanngwa fa khansele e bone madi go dira tiro eo.

O ne a supa fa khansele e na le digopi di le pedi fela mme di bereka kgaolo yotlhe mme seo se dira tiro ya go tlhokomela ditsela bokete.

Rre Seboko a re gape di tshabelelwa ke go senyega mme seo se dire tiro bokete. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Moshaweng

Event : Kgotla meeting

Date : 16 Oct 2022