Breaking News

Mogaka Ramoraka o bolokilwe

16 Oct 2022

Leso la motshameki wa setlhopha sa setshaba e bile e le motshameki wa setlhopha sa Orapa United Rre Lesenya “Lee” Ramoraka le supilwe e le tatlhegelo .

Se se builwe ke Mothusa Tautona Rre Slumber Tsogwane yo e neng e le mongwe wa matshwititshwiti a  ba ba neng ba tshologetse phitlho  ya motshameki wa kgwele ya dinao  kwa Chadibe ka Matlhatso.

Rre Ramoraka o tlhokafetse mo kotsing ya tsela   beke e e fitileng   fa a ne a tswa mo malatsing a boitapoloso go boela kwa a direlang teng.

Fa a a fa lefoko la kgomotso Rre Tsogwane a re fela jaaka motsadi mongwe le mongwe, batsadi ba ga Ramoraka ba ne ba solofetse go le gontsi mo ngwaneng wa bone segolo jang ka a ne a santse a le mmotlana.

O ne a tlhalosa fa lefatshe la Botswana  le  latlhegetswe ke mogakga wa kgwele ya dinao.

Mothusa Tautona a re dibui tsotlhe tse di buileng ka botshelo jwa ga  Ramoraka ba supile fa a ne a le lerato, bonolo, boikobo mo go botlhe ba a berekileng le bone, a re tse tsotlhe ke tsone di mo dirileng  se a neng a le sone.

Rre Tsogwane a re go a itshupa gore metshameko ga se go itlosa bodutu fela mme e na le seabe se segolo mo go bopeng bana jaaka go supagetse ka Ramoraka, a re ga se gantsi bana ba ba inaakantseng le tsa metshameko  ba fitlhelwa  mo ditirong tsa botlhoka tsebe.

 O ne a gomotsa batshameki ka ene le boeteledipele jwa ditlhopha go phimola dikeledi mme ba tsweledise fa Ramoraka a emeng teng.

Rre Tsogwane o tlhomamiseditse boorra Ramoraka fa puso le Batswana ka kakaretso ba na le bone mo  serung se se ba wetseng ka ba ne ba solofetse go le gontsi mo ngwaneng wa bone.

 E rile a tswa la gagwe mokatisi  wa setlhopha   se se golwane sa kgwele ya dinao   e bile e le mokatisi kwa setlhopheng sa Orapa United  Rre Teenage Mpote a re Ramoraka e ne e le ngwana wa gagwe mo mererong ya kgwele ya dinao.

Rre Mpote o tlhalositse fa Ramoraka a ne a tsaya kgwele ya dinao ka tlhwaafalo ka a ne a dira tiro ya gagwe ka lerato a sa salwe morago. Mokatisi o ne a tlhalosa fa le jaaka a ne a itsege mo go tsa merero ya kgwele ya dinao, e ne e le motho yoo boikobo mme a itse se a se batlang mme a dira jalo a wetse maikutlo.

A re Ramoraka e ne e le motho yo sa gogagoganeng  le boeteledipele, a re se se  supa fa  a ne a na le maitshwaro a mantle.

A re ga go motlhofo go bona  batho ba sebopego sa ga Ramoraka mme a kgothatsa batshameki ka ene go tia moko go tsweledisa fa moswi a tlogetseng teng.

Mothusa Tona wa botsogo yo gape eleng Mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe o supile fa Ramoraka a tlogetse motlhala o o bonwang ke mongwe le mongwe mme a rotloetsa ba Orapa United go tswelela ba tshwaragane.

E rile a leboga setshaba se se neng se tsile phitlhong, mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami Dr Kesitegile  Gobotswang a supa fa e le ruri kgaolo ya Tswapong e tshwere ditswerere tsa kgwele ya dinao, a re tshologelo ya Batswana le ba ba tswang mo lefatsheng le le mabapi la Afrika Borwa e supa fa ba ne ba rata se Ramoraka a neng a se dira.

O ne a rotloetsa banana ba ba ba tswang kwa tlase go ithuta thata mo go bo mogolo-a-bone gore le bone ba tsoge ba le dikgantshwane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Chadibe

Event : Phitlho

Date : 16 Oct 2022