Breaking News

Itshidilo mmele e molemo

16 Oct 2022

 Itshidilo mmele konokono mo go thibeleng le go fedisa malwetse a a farologaneng a akaretsa a tlhaloganyo, a a sa tshelanweng ga mmogo le one a a tshelanwang.

Go tlhalositswe gore fa molwetse a gatelelwa thata fa a nna a robetse ka seo se dira gore masole a mmele a seka a tsoga mme se ame pholo ya molwetse, mme molemo wa se e le go tsamaya tsamaya.  Morotloetsi wa mesepele e meleele Rre Stainly Monageng o buile se jaaka a ne a wetsa mosepele moleele o o neng o rulagantswe ke lephata la botsogo go tswa Kanye go fitlha mono Gaborone, ka Matlhatso.

Rre Monageng o ne a tlhomilwe motsamai mogolo go tswa Kanye mme e bile a ise a palame baisekele kgotsa koloi fa e sale mosepele o, wa sekgala sa dikhilomethatra tse 96.3 o simologa. 

O tlhalositse fa a ne a lwala ka ngwaga wa 2000, mme erile mo tsamaong ya nako a nna a itlhapolola maoto a ikutlwe botoka fela thata, mme ka moo a baya mo pelong ya gagwe go nna a tsamayatsamaya, mme phelelong a utlwa a nna matlhagatlhaga go ka tsweledisa.

Ka itemogelo ya botlhokwa jwa seo, Rre Monageng a itlama gore ngwaga le ngwaga o ya go tsaya mosepele o moleleele e le go tsibosa setshaba ka malwetse a a farologaneng.

Rre Monageng o ne a re go itshidila mmele go botlhokwa thata mo botsogong jwa motho, a tlatsa a re go tsamaya fela ka maoto go thusa go ntsha maikutlo a kotlometseng, go fokotsa go tsenwa ke malwetse, ga mmogo le go lwantsha kgokgontsho ya bong. 

Tona wa Botsogo, Dr Edwin Dikoloti le ene fela jalo o ne a galaletsa Rre Monageng ba botsogo ba a itumela fa ba bona go na le ba ba ba emeng lephata la Botsogo nokeng go anamisa molaetsa wa tsa botsogo jaaka Rre Monageng 

Dr Dikoloti o ne a gatelela gore go itshidila mmele le go ja sentle ke konokono mo botshelong jwa motho. O tlhalositse fa go itshidila mmele go thusa kgatlhanong le malwetse a a sa tshelanweng.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : Gaborone

Event : Bokopano

Date : 16 Oct 2022