Ditsela tsa Palapye di tla dirwa- Ramogapi
16 Oct 2022
Mopalamente wa Palapye, Rre Onneetse Ramogapi a re bogogi jwa motse le komiti ya ditlhabololo ba dumalane go dira ditsela dingwe tse di fa gare ga motse ka lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi.
Mopalamete o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Palapye ka Labone.
Rre Ramogapi o boletse fa thulaganyo ya go dira ditsela ka moalo wa ditena e tsweletse, a tlhalosa fa e sena go akaretsa ditsela tsotlhe tsa motse.
O ne a lekodisa banni gore puso e tlaa tswelela e ba phakisa dipeo, menontshane le go ba lemela ditema di le nne ka lenaneo la ISPAAD monongwaga.
O rotloeditse banni go ikwadisetsa temo, mo ikwadisong e e tsweletseng go fitlha kgwedi eno e ya fifing. Mopalamente o ba gakolotse gore go adimana masimo go a letlelelwa, mme go dirwa ka mokwalo.
Mo go tse dingwe, Rre Ramogapi a re molao o o itebagantseng le go thusa Motswana (Citizen Empowerment) o dirilwe go lemogile gore khumo ya lefatshe leno ga e mo diatleng tsa Batswana. O ne a re mo lenaneong leo, kabo ya ditirelo (tenders) e tla dirwa ke ba ba lebanyeng mo maphateng.
O ne gape a ba lekodisa ka molao wa di pension, a re gompieno motho o letelelwa go ngatha sengwenyana mo mading a gagwe, se ele go araba selelo sa Batswana ba ba neng ba lela ka gore ba kgona go nna mo dikolotong mme ba na le madi a pension.
Fa ba lekodisa mopalamente ka tse di tshwenyang mo Palapye, modulasetilo wa Umbrella VDC, Mme Goboletswe John a supile fa ba sa jesiwe diwelang ke borukutlhi jo bo dirwang gansti ke bana ba ipopile digongwana, mme a kopa batsadi go aga bana.
O ne gape a supa matshwenyego ka kokelo ya Palapye, a tlhalosa fa e onetse, ebile e tlhaelelwa ke dingaka, selo se se dirang gore balwetsi ba beelwe sebaka se se leele sa go tla go bona ngaka.
Mme John o ne gape lela ka tse dingwe di akaretsa seemo sa ditsela tse di fa gare ga motse, dikoloto tsa metsi tse di ko godimo le boturu jwa motlakase.
Fa a amogela morafe, Kgosi Martha Lebang o ne a kopa batsadi go tlhokomela bana, bogolo jang ba ba fetsang ditlhatlhobo gore ba seka ba tsena mo thaelong.
Kgosi Lebang a re gole gantsi bana fa ba sena go kwala ditlhatlhobo, ba tsena mo ditseleng tse eseng tsone, tsa borukutlhi le dinotagi.
Mongwe wa banni, Rre William Selapa a re go busiwe lenaneo la twantsho borukutlhi, a tlhalosa fa le ne le thusa thata.Rre Selapa o ne gape a supa matshwenyego ka bagodi ba kgotla ya Khurumela a re ba latela madi a bone a bagodi kgakala. Mogolwane wa lephata la temo, Rre Ofentse Ntelebo ene o ne a tlhalosa fa balemi ba mereka ba phakisiwa dipeo tsa Setswana tse di bewang peo, mme ba sa duelelwe go lema. Rre Ntelebo a re kgang ya tiego ya dipeo ke selelo sa balemi.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Oct 2022