Barolong ba batla mapalamente a mabedi
13 Oct 2022
Barolong ba dumalane ka bongwe hela jwa pelo gore kgaolo ya bone ya bopalamente e kgaoganngwe gabedi.
Ba buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke komiti ee romilweng go sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi kwa Good Hope ka Laboraro.
Dibui ka go farologana di supile fa kgaolo eo ya Good Hope-Mabule ele tona, mme gole maleba gore e nne le mapalamente a mabedi.
Ba boleletse komiti e e eteletsweng pele ke Judge Chris Gabanagae gore ere ka jaana ba ipaakanyetsa go tloga ba nna le khansele ee ikemetseng, go botlhokwa gore ba nne le mapalamente a mabedi ka go setse go supegile gore yo mongwe fela oa ketefalelwa.
Rre Falaki Motsaathebe o supile fa kgaolo e akaretsa metse e feta masome a mane, mme seo se felela se dira gore batlhophi ba tlhoboge moemedi wa bone kwa palamenteng.
A re mopalamente gaa nke a bona nako ee lekaneng ya lekola batlhophi ka gore metse e mentsi, ebile e katologane.
Rre Motsaathebe a re motse wa Phitshane Molopo oo setseng ona le ditlamelo ka bontsinyana oka thusa banni ba metse ee mabapi, gona le gore ere le mororo go sena ditsela sentle, ba bo tsamaya sekgala se se leele go senka ditlamelo kwa Good Hope.
Rre Mononi a re kgaolo e nngwe eka simolola kwa motseng wa Sekhutlhane go felela kwa Cwagare, mme ya bidiwa Ga-Molopo fa e nngwe eka simolola kwa Cwaanyaneng go felela kwa Tlhareseleele mme ya bidiwa Good Hope constituency.
Rre Patrick Olopeng, yoo neng a emetse mokgatlho oo ikemetseng ka nosi wa badiragatsi, a re go kgaoganya kgaolo e tlaabo ele tiro e ntle ka gore mo nakong eno, badiragatsi ba tsamaya sekgala se seleele mme seo se dire gore ka nako tse dingwe ba palelwe kego iponatsa fa ba laleditswe tiro.
O gateletse gape gore ka ntlha ya ditsela tse di sa nnang sentle, ba latlhegelwa ke madi a mantsi go tsamaya ba latela ditirelo kwa motseng wa Good Hope.
Bangwe ba dibui kwa pitsong eo ba tlhalositse gore ba phatlhaletse ka jaana kgaolo ele ya balemi-barui, mme seo se direla mopalamente tiro bokete faa batla go lekola kgaolo, ka a tsamaya sekgala se se leele.
Ba weditse ka gore, fela jaaka merafe e mengwe, le bone ba na le tshwanelo ya gore mopalamente wa bone a nne a ba tlhola kgapetsa kgapetsa, mme bare seo seka kgonwa fela fa kgaolo e ka kgaoganngwa gabedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GOODHOPE
Event : phuthegong ya kgotla
Date : 13 Oct 2022