Breaking News

Botswana o na le bokgoni jwa go nyeletsa Malaria

13 Oct 2022

Moitseanape wa tsa botsogo kwa kokelong ya Sekgoma Memorial mo Serowe Dr Onkgopotse Oduetse a re jaaka lefatshe la Lesotho le Algeria, lefatshe leno le ka kgona go nyeletsa bolwetse jwa Malaria ka le na le ditsompelo le bokgoni jwa go dira jalo.

A re gore lefatshe leno le nyeletse bolwetse jo, le tshwanetse le bo le na le mananeo a a tsepameng go itebaganya le go bo nyeletsa. 

Dr Oduetse o ne a bua se kwa phuthegong ya babegadikgang e e neng e rulagantswe ke ba kokelo ya Sekgoma Memorial ka Labobedi.

A re fa go lebelelwa lefatshe ka bophara mafatshe a mantsi a setse a kgonne go nyeletsa bolwetse jwa Malaria mme ga go na jaaka lefatshe leno le ka seka la kgona.

O ne a supa fa lefatshe leno le sale le supile ka ngwaga wa 2009 gore le na le maikaelelo a go fedisa bolwetse jwa Malaria mme  ke sebaka se setelele go ntse go buiwa ka kgang ya go bo fedisa mme go ise go fitlhelelwe toro ya go nna jalo.

Ka jalo a re go ne ga bewa seelo sa gore ka ngwaga wa 2015 bolwetse jo, e be bo setse bo nyeleditswe.

A re tsotlhe di ne tsa dirwa mme ga itebaganngwa le gore go latedisiwe kgetsi nngwe le nngwe ya Malaria e bile  e fiwe ditlamelo tsotlhe tse di maleba go bo go dirwe ditshekatsheko tsotlhe tse di tlhokafalang tsa kgetsi nngwe le nngwe ya bolwetse jwa Malaria e e nnang teng.

Dr Oduetse a re ka 2015 toro ya go nyeletsa bolwetse jwa Malaria e ne ya seka ya kgonagala mme maikaelelo a fetisediwa kwa ngwageng wa 2020.

A re ka 2017 dikgetsi tsa malaria tsa ya kwa godimo thata ntateng ya dipula tse di neng tsa na.  A re ka 2020 go ne ga seka ga kgonagala go fedisa bolwetse jwa malaria ntateng ya bolwetse jwa COVID-19 ka ditirelo di ne tsa kgoreletsega. A re mo nakong eno seelo sa go fedisa bolwetse jwa Malaria se beilwe mo ngwageng wa 2025. 

Dr Oduetse o ne a supa fa lefatshe leno le tsweletse ka maiteko a go fedisa bolwetse jo mme kgaolo nngwe le nngwe e tshwanetse e tsee karolo go diragatsa toro e.

A re kgaolo nngwe le nngwe e tshwanetse e dire se se tshwanetseng go nyeletsa bolwetse jwa malaria.

A re lephata la botsogo le ka seka la tsaya boikarabelo jwa go fedisa bolwetsi jwa malaria le le nosi mme le tlhoka botlhe ba na le seabe go bo lwantsha.

Mooki go tswa kwa kokelong Mme Dziidzo Leshiba o ne a tlhalosa fa bolwetse jwa Malaria bo anamisiwa ke monang.

A re bolwetsi jo bo tla ka dipaka mme bo bonwa gantsi mo lefatsheng leno ka kgwedi ya Phalane go ya ko go ya Motsheganong.

O ne a supa fa dipalo tsa bolwetse jwa Malaria mo lefatsheng leno di tsholetsega ka kgwedi ya Tlhakole go ya kwa go ya Moranang.

A re kgaolo ya Serowe ke nngwe ya dikgaolo tse go supilweng fa di sena bolwetse jwa malaria,  ka jalo a re fa go tlhagoga kgetsi e le nngwe ya bolwetse jwa Malaria seemo sa teng se tsibogelwe thata. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya babegadikgang

Date : 13 Oct 2022