Tsela ya Gumare-Sepopa e tlaa baakanngwa bogaufing
13 Oct 2022
Banni ba metse ya Etsha 13 le Etsha 6 mo kgaolong ya botlhophi ya Ngami ba kgothaditswe go tiya moko ka tiro ya paakanyo ya tsela ya Gumare-Sepopa,e tlaa simololwa mo bogaufing.
Tiro ya tsela e, e a abetswe komponi ya Bango, mme mo bogompienong go ne go setse gore kompone le ba lephata la Ditsela ba saene ditumalano, tiro e be e simolola.
Tsela ya Gumare-Sepopa ke bontlha ja tsela ya Gumare-Mohembo.
Mopalamente wa Ngami Rre Caterpillar Hikuama o tlhaloseditse banni ka kago ya tsela e fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla mo metseng eo ka Laboraro.
O ne a re go lebaka puso e ntse e solofetsa banni ba kgaolo eo gore tsela eo e tla a dirwa mme go sa nne jalo, a re jaanong matshwenyego a banni a arabilwe ka tiro e abetswe ba Bango.
Le fa go ntse jalo Rre Hikuama o ne a re banni bao ba itse fa tsela eo e ya go baakanngwa fela e sa dirwe sesha ka jalo go sena lenaneo la go dira ditsela tse di tsenang mo metseng ya bone.
Mo matshwenyegong a tsa botsogo, Rre Hikuama o ne a tlhalosa gore tona wa botsogo a solofeditse gore ba botsogo ba tlaa kanoka dikokelwana tsotlhe mo lefatsheng go tlhomamisa gore ke dife tse di ka tsholediwang go nna dikokelo tse di ka nnang le ditirelo jaaka tsa pelegi.
O rotloeditse banni ba metse e mebedi eo gore ba ipaakanyetse lekoko la puso le le tsamayang le tsaya megopolo mo setshabeng ka ditlhabololo.
Ka jalo a kopa banni ba metse eo gore ba sekaseke tse ba di tlhokang le gore ba tlhophe tse ba di tlhokang thata.
E rile a amogela morafe, Kgosi ya Etsha 13 Kgosi Moronga Katsotso o ne are banni ba na le matshwenyego a tsela eo ya Gumare-Mohembo ka e se mo seemong se se siameng ebile dikoloi tsa badirisi ba tsela di senyega.
Kgosi Katsotso o ne are go tswa kgakala go gotwe tsela eo e a dirwa mme e sa dirwe, ka jalo a re ga ba na tsholofelo ya gore gompieno e tlaa dirwa le ntswa gotwe e filwe komponi nngwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : ETSHA 13
Event : Diphuthego tsa Kgotla
Date : 13 Oct 2022