Ba UB ba dira ditlhotlhomiso ka COVID-19
13 Oct 2022
Barui kwa Damochujenaa ba re COVID-19 e ba dirile batlhoki ka ba ne ba utswelwa leruo ka nako ya kiletso mesepele.
Ba re ka ba ne ba le kwa motseng ka nako ya kiletso mesepele, dilalome di ne tsa dirisa sebaka seo go ba senyetsa kwa merakeng, ka ba fitlhetse naga e le tshetlha, leruo le ile.
Ba buile se ka Laboraro jaaka ba mmadikolo, UB ba ne ba le mo leetong la go dira ditlhotlhomiso go bona ka fa bolwetse jwa COVID-19 bo amileng matshelo a batho ka teng, bogolo jang ba metse e e kgakala le ditlamelo.
Maikaelelo magolo a ditlhotlhomiso ke go ipaakanyetsa diemo tse di ka tlhagogang mo nakong e e tlang, go tila go fitlhela lefatshe le wetse mo serung jaaka ka nako ya COVID 19 e e neng ya gapa matshelo a batho ba le bantsi.
Fa a tlhalosa ka leeto la bone, mothathelela dithuto kwa UB Prof. Oitshepile Modise o ne a re tiro ya bone ke go phutha megopolo mo setshabeng mme e re morago ba e rolele puso go e seka seka go bona gore ba ka tokafatsa jang mo nakong e e tlang.
E rile a amogela baeng Kgosi Kebalepile Motsholetsi wa Damochujenaa o ne a supa fa le bone ba ne ba amilwe ke bolwetse jwa COVID-19 mme se se molemo e ne ya nna gore ga gona yoo neng a latlhegelwa ke botshelo jaaka kwa mafelong a mangwe.
Mongwe wa banni, Rre Lethomile Kelekgethetse o ne a tlhalosa fa COVID-19 e ne ya ama matshelo a bone thata segolo bogolo ba Damochujenaa ka o le kgakala le ditlamelo.
Rre Kelekgethetse o supile fa bontsi jwa batho kwa Damochujenaa ba sa bereke mme ba ikaegile ka go bereka Ipelegeng go tshetsa ba malwapa a bone mme a tlhalosa fa ka nako ya COVID-19 Ipelegeng e ne ya emisiwa ka lebaka, selo se se neng sa kokonela bontsi.
O tsweletse ka go tlhalosa fa nako ya COVID-19 ba ne ba itemogela kgokgontsho e ntsi mo malwapeng ka batho ba ne ba tsaya nako e ntsi mo malwapeng a bone mme se, se ne sa dira gore go nne le kgatelelo ya maikutlo e e neng ya baka kutlobotlhoko mo go bomme le bana ba basetsana.
A re lentswa puso e ne ya leka ka go tla ka mananeo a go tlhokomela batho ka nako e ba neng ba le mo malapeng go ne go sa lekana ka batho ka bontsi ba ne ba seka ba bona dijo.
Rre Mooketsi Lebogang ene o ne a supa fa manokonoko a COVID-19 a amile bana ba dikole bogolo jang ba metse e e kgakala le ditlamelo ka bontsi, fa go tshwantshanngwa le ba ditoropo, selo se se bakilweng ke gore bontsi jwa batsadi ba bana ba ga ba kgone go ba rekela di dirisiwa tsa go ithuta.
O ne a re se, se tlile go ama maduo a bana mme a kopa ba ba maleba go sekaseka gore ba ba sa kgonang go pasa ditlhatlhobo tsa bone ba neelwe sebaka gape.
Banni ba ne ba supa fa tiragalo ya go nna jaana e se yone ya bofelo mme ba rotloetsa boeteledipele gore ba nne malala a laotswe gore fa seemo sa go nna jalo se ka tlhaga ba bo ba ipaakantse.
Kgosi Motsholetsi o ne a leboga morafe wa gagwe go bo ba ne ba tsaya ditaelo tsa ba botsogo ka tlhwaafalo le ntswa ba ne ba na le kgwetho ya letlhoko la metsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : DAMOCHUJENAA
Event : Loeto la dipatlisiso ka bolwetse jwa COVID-19
Date : 13 Oct 2022