Batlhoki ba le babedi ba agelwa matlo
13 Oct 2022
Matlo a batlhoki, a mabedi a agiwang kwa metseng ya Ramokgonami le Seleka, a solofetswe go wediwa pele ga ngwaga ono o ya fifing.
Se se senogile ka Labobedi, mo loetong la ga Mothusa Tona wa Dikgalo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla, yo o neng a ile go lekola ka fa tiro eo, e tsweletseng ka teng le go itkutlwela ka dikgwetlho tse di e lebaneng.
Matlo ao, a dikamore tsa borobalo tse pedi, a lopile madi a fetang P100 000, nngwe le nngwe, mme a agiwa ke badiri ba Ipelegeng ba tshwaragane le ba CITF.
Tona a re maikaelelo a lephata ke go tlhabolola motho ka go bona gore mongwe le mongwe o nna mo bonnong jo bo siameng le gore o robala a jele.
A re ba ka kgona maikarabelo a bone ka go ruta batho go itirela gore ba kgone go itshetsa, a tlatsa ka gore ke gone ka moo ba duleng ka lenaneo le go rutuntsha batho gore ba fetole ka fa ba akanyang ka teng le gore ba ipelege.
Mme Monnakgotla a re lenaneo le lesha la Ipelegeng le ratiwa ke banana thata ka gore ba batla ditlankana, gore morago ba di dirise go ipatlela ditiro mo dikonterakeng.
Mothusa Tona o ne a gatelela gore CITF e tlile go thusa go tlhabolola metse le dikitso.
O rotloeditse badiri ba khansele-potlana ya Mahalapye go netefatsa gore matlo ao, a agiwa ka madi a sa feteng aa abetsweng.
Fa a lekodisa Mothusa Tona ka tsa khansele-potlana ya Mahalapye, modulasetilo wa yone, Rre Bantlhasetse Merementsi o supile fa e lebanwe ke letlhoko le le letona la ditlamelo jaaka ditsela le dikoloi.
Rre Merementsi a re letlhoko leo, le kgoreletsa bodiredi mo go ntsheng maduo.
O ne a lebogela Mme Monnakgotla go ipha sebaka go lekola ka fa tiro e tsweletseng ka teng le go ikutlwela dikgwetlho tse badiri ba khansele-potlana, gammogo le baagi, ba lebaneng le tsone mo go e wetseng.
Fa a lekodisa Mothusa Tona ka kago ya matlo ao, Mokwaledi wa Khansele-potlana ya Mahalapye, Mme Gomolemo Moepeng, o tlhalositse fa tiro eo e simolotse ka kgwedi ya Motsheganong monongwaga.
Mme Moepeng o boletse fa ntlo e agelwang Mme Obonye Moroka, yo dingwaga tse 54 kwa Seleka, e setse ka seelo sa 40 per cent gore e wediwe, fa e e agelwang Mme Onalenna Phillimon wa dingwaga tse 42 ko Ramokgonami, yone e setse ka seelo sa 32 per cent gore e wediwe.
Banni ba Ramokgonami le Seleka ba galeleditse puso mo go tsweng ka Lenaneo le lesha la Ipelegeng, ba re le tla thusa go tlhama ditiro le go fokotsa lehuma. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : RAMOKGONAMI
Event : loetong la ga Mothusa Tona wa Dikgalo le Tlhabololo Magae
Date : 13 Oct 2022