A dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di fiwe dithata
12 Oct 2022
Nako e gorogile gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse (VDC) di fiwe dithata go ikemela.
Se se builwe ke Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang mo diphuthegong ya kgotla kwa Pilikwe le Mhalapitsa ka Mosupulogo.
Are go tseelwa ditshwetso ke khansele go diya dikomiti go tswa ka maano a ditlhabololo.
Dr Gobotswang a re fa di VDC di ikemetse, di rera le bogogi jwa metse le morafe ka tsamaiso yotlhe go akaretsa le madi.
A re di VDC di na le letseno le di ka le dirisang go dira madi a ba ka tlhabololang metse ya bone.
Dr Gobotswana a re fela jaaka di trust di ikemetse, di VDC le tsone di ka fiwa kgololesego ya go dira ditlhabololo tsa morafe, mme khansele e tswelele ka go fa bogakolodi.
A re komiti ya VDC e tshwanetse ya dira thulaganyo ya yone ya madi, ba e sekaseka le bogogi jwa motse le morafe
Fa a itibaganya le selelo sa banni sa metsi, a re ba ne ba tlhaloseditswe gore lenaneo la kgokelo ya metse le le dirwang mo kgaolong eo, le tlaa wela kgwedi ya Phukwi mme ga go a kgonega.
Dr Gobotswang are o kopile Water Utilities corporation gore ba dire sengwe go thusa banni ka metsi ba santse ba letetse lenaneo go wela.
O ne a ba lekodisa ka temo, a tlhalosa gore lenaneo le lesha la temo ga le esi le simolodisiwe ka jalo go tlaa dirisiwa le legologolo mo temong ya mono ngwaga.
A re ba ne ba isitse kopo kwa Palamenteng gore balemi ba letlelelwe go lema ba gasa ka lenaneo le le dirisiwang le na le dikgwetlho tse di kgoreletsang temo.
Dr Gobotswang o lekodisitse morafe ka melao e e fitisitsweng kwa Palamenteng, e e akaretsang wa kabo ditsha, wa go tlogela tiro le o o sireletsang ditsatlholego.
Banni ba Pilikwe le Mhalapitsa ba ne ba lela ka tlhaelo ya metsi, bogodu jwa leruo gammogo le tiego ya peo ya ditsha.
Moemedi wa beng ba diterekere ba metse eo, Rre Tswebebe Mokhosoa mono ngwaga ba tlaabo ba lopa balemi P350 ekere nngwe le nngwe fa godimo ga madi a a duelwang ke puso.
Rre Mokhosoa a re tlhotlhwa ya diesel e tsholetsegile, seemo se se ba kokonelang e le beng ba diterekere. O ne gape a supa letshwenyego ka dituelo tse di diegang, a tlhalosa fa ba ise ba bone dituelo dingwe tsa temo e e fitileng.
Mokwaledi wa khansele ya Mahalapye, Mme Gomolemo Moepeng o tlhalositse gore di VDC di ka fa tlase ga khansele mo lekalaneng la boipelego .
Mme Moepeng a re di VDC fa di sena go tlhophiwa, di a rutuntshiwa gape ba rotloediwa go dira dithulaganyo.
A re khansele e laola di VDC, go bona gore di tsamaisa dilo sentle, gape ba arabela madi mangwe le mangwe a ba a dirisang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MHALAPITSA
Event : Diphuthego tsa Kgotla
Date : 12 Oct 2022