Breaking News

Kablay o kopa banni go rotloetsa dikgwebo potlana

12 Oct 2022

Thotloetso ya dikgwebo tse di potlana e kailwe e le tsela nngwe ya go godisa dikompone tse di kwa tlase gore di nne le sebaka sa go phadisana le tse dikgolwane.

Se se builwe ke Mopalamente wa Letlhakeng/Lephephe, Rre Liakat Kablay fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Serinane ka Labobedi.

Mopalamente a re puso e tsere tshwetso ya gore ditiro tse di potlana mo metseng ka go farologana di neelwe benggae, seo ele tsela nngwe ya go di thusa go gola.

O ne a rotloetsa makalana a puso le a a ikemetseng ka nosi go neela dikgwebo tseo ditiro gore le tsone di nne le sebaka sa go itemogela gore kgwebo e tsamaisiwa jang.

Rre Kablay o ne gape a supa fa go le botlhokwa gore bao ba ba fiwang ditiro tseo ba di dire ka botswapelo go ya  ka ditumalano tse di dirilweng.

“Le lona le le morafe wa Serinane le tshwanetse la rotloetsa dikgwebo tse di mo motseng wa lona. Go na le kompone e e dirang melora, mme ke lona le ka e rotloetsang gore e bone katlego”.

Mopalamente are dikompone tsa mo gae di tshwanetse tsa supa bonokopila fa di filwe tiro gore di tle di neelwe tse dingwe.

Rre Kablay a re go tla bo go le thona gore e re ngwana wa Serinane a na le kgwebo mo motseng, a bo morafe o sa mo rotloetse.

O ne a tlatsa ka gore ba ba fiwang tiro e kgolwane ke khansele potlana ya Letlhakeng, le bone ba tshwanetse go supa bokgoni jwa bone ka go fetsa tiro eo ka nako le ka fa go dumelanweng go dirisa madi ka teng.

E rile go le pele, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Gladys Lekololwane a supa fa go na le matlo mangwe a boroko a sa felang ntswa bodiredi mo motseng bo tlhoka boroko.

A seo ke poelo morago, mme a kopa khansele go fefogela go ba thusa go digela kago ya ntlo e.

Mokhanselara wa kgaolo eo yo gape e leng modulasetilo wa Khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Meshack Tshenyego o ne a supa fa ba itse ka tiego ya ntlo eo mme ba mo dipuisanong le mong wa kompone e e neetsweng tiro eo.

A re jaaka mopalamente a buile, nako tse dingwe fa dikompone tsa mo gae di fiwa ditiro ga ba di fetse ka nako e e dumelanweng mme seo se baka dikgotlhang.

Rre Tshenyego a re o maswabi gore kago eo e bo e tsere lebaka gore e fele mme madi a le teng, a tlhalosa gore ditumalano tsa semolao ga di letle gore o kgaogane le kompone go sa dirwa dithulaganyo sentle.

Modulasetilo a re seo se ka felela se bakile gore ba simolole go batla dikompone kwa ntle ga kgaolo ya bone, mme seo se kokonele dikgwebo tse di potlana mo metseng ya bone ka go farologana.

Ka jalo o kopile beng ba dikompone go dira ditiro tse ba di neetsweng ka nako le go wetsa ditumalano tsa mokwalo.

Mo kamogelong ya baeng, Kgosi Malang Galeatle wa Serinane o ne a leboga go menagane peo ya ditsha mo motseng wa gagwe ke ba lephata la kabo ditsha la Letlhakeng.

A re morafe wa gagwe o ntse o nyoretswe go bewa ditsha mme seo se tla thusa go fokotsa selelo sa letlhoko le ba ntseng ba le mo go lone.

Kgosi Galeatle o ne gape a leboga khansele go ba neela mmaboipelego yoo berekang ka natla mo motseng wa bone.

A re o ba tlotlomaditse fela thata ka jaana a bereka sentle le komiti ya ditlhabololo tsa motse mme e bile ditiro tsa bone di dirwa ka matsetseleko. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : SERINANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 12 Oct 2022