Ba Mabule ba batla kgaolo e kgaoganngwa gabedi
12 Oct 2022
Banni ba Mabule le metse e e mabapi ba re ba ka itumela thata fa kgaolo ya bone ya botlhophi ya Good Hope/Mabule e ka kgaoganngwa.
Ba buile seo mo phuthegong ya lekoko le le romilweng ke Tautona go sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi kwa Mabule ka Mosupologo.
Ba re kgaolo ya bone e tona, mme ka jalo e ketefalela mopalamente a le mongwe fela.
Ba re fa ba sena go tlhopha motho, o tsamaela ruri, mme fa ba le lesego, o felela a ba tlhola gangwe fela mo ngwageng kana go feta, mathata ele bophara le bo tona jwa kgaolo.
Ba re seo se dira gore le tsone ditlamelo di seka tsa goroga ka nako.
Mongwe wa dibui, Rre Richard Molapisi o tlhalositse fa keletso ya bone ele ba Dikhukhung ele gore dikgaolo tsa mapalamente di nne pedi ebong Gamolopo le Good Hope.
A re kgaolo ya Good Hope e ka akaretsa Good Hope le metse ee mabapi, fa ya Gamolopo yone eka dirwa ka dikgaolo tse di mo lotshitshing lwa noka ya Molopo, go ya go tsena kwa Sekhutlhane.
Rre Aron Tsatsi le ene o ne a tlhalosa fa nako e tsile ya gore kgaolo eo e kgaogannwe gabedi.
A re metse yotlhe ya Molapo go simolola ka Ramatlabama, e ka dira kgaolo ya bobedi.
A re seo se ka thusa gore bana ba bone ba simolole go itse gore ke Barolong ka jaana mo nakong eno ba santse ba ipotsa gore ke Barolong ba mofuta mang, ka Kgosikgolo ya bone ke ya kwa Gangwaketse.
Dibui tse dingwe di kopile lekoko leo, le le eteletsweng pele ke Moatlhodi Mokwadi Gabanagae, go ela ngwao le puo tlhoko thata, ka di le botlhokwa.
Ba supile fa dilo ka bontsi di paledisiwa ke gore, go lebega bogosi bo gogagogana le sepolotiki, mme seo se felele se dira gore batho ba seka ba thusiwa sentle.
Ba kopile gape gore kgaolo ya Lorolwane le dipolase tsa Banyana di busediwe mo Morolong, ba supa fa banni ba koo ele ba metse ya bone, mme ebile ba tsaa ditlamelo ka bontsi kwa Mabule.
Banni ba ngongoregile gore tiro eo ga ea fiwa nako le thulaganyo ee maleba, ba re ba tlile mo bokopanong joo ba sa itse le gore dipalo tsa kgaolo di eme jang.
Ba boleletse lekoko gore ga ba dumele gore mo ngwageng tse di lesome tse di fetileng, dipalo tsa kgaolo di oketsegile fela ka dikete tse pedi le makgolo a mararo.
Ba tladitse ka gore palo batho ee sa tswang go feta, ene ese yone sentle, ka gore ga goa tsenwa mo malwapeng ka bontsi.
Phuthego eo ene e akaretsa le mekgatlho ee ikemetseng jaaka Peoboswa le Red Cross. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : MABULE
Event : Phuthegong ya lekoko le le romilweng ke Tautona go sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi
Date : 12 Oct 2022