Bojalwa ja Logonyana bo diphatsa
12 Oct 2022
Bojalwa jwa Logonyana jo bo ratiwang bobe kwa motseng wa Monwane bo tlhalositswe bo le diphatsa mo botsogong jwa banwi ba jone.
Mo potsolotsong, kgosi ya Monwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng Kgosi Mokwaledi Masono a re ntswa a ise a tlhaloganye gore leina la Logonyana le tswa mo go eng, o dumela gore bo dirwa sengwe jaaka go tsenngwa motuka mongwe go bo dira bogale.
Kgosi Masono a re bogale jwa bojalwa jo bo supiwa ke ditebego tsa banwi ba jone ba ba tshabelelwang ke go kgoboga melomo e nna mehibidu fa bangwe ba bone ba latlhegelwa ke mmele.
A re majalwa a a itirelwang a borai ka gore ga go lekanyetswe bogale jwa one mme a kokonele banwi ba jone.
O ne a supa fa bangwe bomme ba ba bo nwang ba ikgatlholositse tlhokomelo ya bana mme seo se tsenye matshelo a bana mo diphatseng.
Kgosi Masono a re banana ba ba nwang Logonyana ba tshabelelwa ke go latlhegelwa ke mmele mme gape letlalo la bone le a fetoga.
“Se ke sesupo sa gore bojalwa joo ga bo a siamela botsogo jwa motho mme banwi ba tshwanetse go bo nwa ka kelelelo.”
A re banana ba motse oo ba tsofala e sale bana, selo se a reng o belaela se bakwa ke bojalwa jo.
Kgosi Masono o ne a kaya fa nnotagi e sa siamela botsogo jwa motho ope fela bogolo jang fa e nowa go sena kelelelo.
A re sebe sa phiri ke banana ba ba nwang majalwa ao a maitirelo ba sale ba botlana, selo se a reng se bolaya bokamoso jwa bone.
Kgosi Masono o ne a kopa morafe wa gagwe go tsaya boikarabelo jwa botsogo jwa bone ka jaana ke bone ba yang go sokola ka bokete ka nako e bolwetse bo ba gatelelang.
A re modumo wa maitiso mo motseng o itaya bana ba sekole tsebe mme bangwe ba felela ba raelesega go ya maitisong, kwa go dirwang dilo tse ba sa tshwanelang go di bona.
O ne a tlatsa ka gore botlhoka tsebe jwa bana bo ile magoletsa mo motseng.
A re go ima ga bana ba basetsana ba ba dingwaga tse di kwa tlase le gone go godile, a kaya fa seo ele molato mo go ba ba dirang jalo mme a kopa batsadi go emela dikgang tseo ka dinao ka di senya bokamoso jwa bana ba bone.
Kgosi Masono o ne a kopa batsadi go emela dikgang tsa kgokgontso ya bomme le bana ka dinao ka e senya ledula la motse wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MONWANE
Event : POTSOLOTSO
Date : 12 Oct 2022