Tsiane setswerere sa lekgapho
12 Oct 2022
Mme Marashia Tsiane are ngwao ya lekgapho e ka nyelela fa Batswana ba sa e emele ka dinao.
Mme Tsiane, yo o neng a gapa seetsele sa lekgapho mo dikgaisanong tsa National Arts Festival monongwaga, a re o ithutile tiro e mo go mmaagwe.
A re go goleng ga gagwe o ne a nna gaufi le mmaagwe go ithuta maele a botshelo mo go ene.
Mme Tsiane, yo o dingwaga di masome a supa le boraro, o tlhaloseditse BOPA fa a ne a gola a tshameka ka mmu mme seo sa dira gore a rate go bopa ka one, mme mmaagwe a lemoga se.
“Erile ke le ngwaga di le lesome le boferabobedi, kgatlhego yame ya lekgapho ya simolola go gola,” Mme Tsiane a supa.
A re e ne ya re mmaagwe a sena go tlhokafala, a seka a ema go kgapha bogolo jang ka nako ya go ipelela boipuso le mediro e mengwe mo motseng, lelwapa la gagwe le ne le kgaba ka mekgabisa ya lekgapho.
Mme Tsiane a re lekgapho ke go dirisa mmu le boloko go ntlafatsa lelwapa ka go dira mekgabisa ka mefuta ya yone, go ya ka fa motho a batlang ka teng.
A re ka 2013, o ne a utlwalela dikgaisano tsa ga Tautona, a di tsenelela mme a dira sentle mo go tsone.
“Go tsenelela dikgaisano ga se selo se se bonolo ka jaana o kopana le dithakga koo mme o tshwanetse le wena o eme ka dinao go bona gore o ntsha ga tshwene,” Mme Tsiane a tlhalosa.
A re ka 2018, o ne a tsaya maemo a boraro mme ka 2019 a tsaya a bobedi mo phadisanong ya lefatshe lotlhe.
Mme Tsiane a re bolwetse jwa COVID-19 bo ne jwa emisa dikgaisano mme a seka a ipona tsapa, a ipaakanya ka a ne a itse gore bo a feta, dikgaisano di tla tswelela.
A re ene ya re Phukwi ngwaga ono, a tsaya maemo a ntlha kwa dikgaisanong tsa kgaolo ya Molepolole, morago a ya Gaborone kwa a neng a tsaya maemo a ntlha, a gaisitse ditswerere tse dingwe tsa lekgapho lefatshe la Botswana lotlhe.
Mme Tsiane a re phenyo e, e mo tiisitse moko ebile e raya gore a tswelela a itlhokotse.
“Ke rata tiro e fela thata mme bogodi bo setse bo kelemile, pono e a tsamaya mme tiro e e tlhoka bonokopila,” Mme Tsiane a supa.
A re ka e ne e le ene mojaboswa jwa thuto ya ga mmaagwe, o tshwanetse a neele yo mongwe go tsweledisa, a tlatsa ka gore o na le ngwana wa ngwana wa mosimane yo o e kgatlhegelang ebile o mo kgothaditse gore a seka a iteba gore ke ngwana wa mosimane a tswelele ka go itlhokotsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : TAKATOKWANE
Event : Dikgaisanyo tsa botaki
Date : 12 Oct 2022