Breaking News

Tatamoga o lela ka seemo sa tsela

11 Oct 2022

Banni ba Tatamoga kwa kgaolong ya Ngami ba re ga ba jesiwe diwelang ke tsela ya bone e e ba gokaganyang le metse ya Makalamabedi le Samedupi e ba reng e na le seabe mo itsholelong e e kwa tlase ya motse wa bone.

Ba re tsela e, e e sekgala sa dikhilomithara di le masome a mane, e maswe thata mme ebile e kgoba bagwebi marapo go bula madirelo mo Tatamoga.

Ba buile se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Maun Botlhaba Rre Goretetse Kekgonegile ka Mosupologo.

Fa a ntsha pego Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Segopotso Serome a re ba tswa kgakala ba lela ka tsela e. 

Are ba kile ba kopa Khansele ya kgaolo ya Bokone Bophirima go e tshela mmu (gravelling) mme ba seka ba atlega.

O ne a kopa ba lephata la diphologolo le makgabisa naga go tsibogela dilelo tsa bone fa ba senyeditswe ke ditlou mo masimong, a tlatsa ka gore go le gantsi ba ba thusa ba le kwa dikantorong go na le go tla go lekola seemo.

Mopalamente Kekgonegile o ne a tlhalosa fa ba lephata la ditsela ba tlhalositse fa ba tlaa sekegela kopo ya banni tsebe pele ga ngwaga o ya bokhutlong.

A re madiadia a bakilwe ke gore Khansele ya Bokone Bophirima le lephata la ditsela ba kile ba gogagogana ka lobaka go sena yo o batlang go tsaya boikarabelo jwa tsela e.

O tsweletse ka gore e tlaare mo bekeng e e tlang ba lephata la ditsela ba tseye mosepele go sekaseka tsela ya Tatamoga go shafatsa dikarolo tse di amegileng thata.

Rre Kekgonegile o kopile gore fa se se sa kgonege mo ngwageng o, e re mo ngwageng o tlang wa ditlhabololo go tsewe madi mo lenanenong la ditlhabololo tsa dikgaolo tsa bopalamente go dira tsela e ya dikhilomethara tse masome mane.

Mopalamente a re tsela  e ka thusa go ngoka borradikgwebo ba tshwana le ba dipalamo tsa setshaba ka jalo a re e tshwanetse go potlakelwa.

O ne a solofetsa morafe gore o tlaa kopa ba lephata la diphologolo go buisa diphuthego go ruta le go tswa ka megopolo go thusa banni go tshela le ditlou.

Mopalamente o tsweletse ka gore o tlaa kopa lephata le go rekegela dilelo tsa Batswana go tsenya magapu mo dikatsong tsa fa molemi a jetswe mo masimong.

Kgosi ya Tatamoga Rre Mmoniemang Bodule o ne are go botlhokwa gore baeteledipele ba ba tlhole gangwe le gape ka gore go na le dikgang di le dintsi tse di ba tshwenyang jaaka tshenyo e e dirwang ke ditlou. BOPA 

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : TATAMOGA

Event : kgotla meeting

Date : 11 Oct 2022