Bomme ba rotloediwa go bega kgokgontsho
11 Oct 2022
Bomme ba gakolotswe go emisa mokgwa wa go bipa mpa ka mabele mo dikgannyeng tsa kgokgontso ya bong ka se se felela se ama matshelo a bone.
Ere ntswa kwa tshimologong kgwedi ya merapelo e ne e itebagantse le bolwetse jwa AIDS fela, ka go lemoga dikgwetlho tse di farologanyeng mo lefatsheng go simolola ka ngwaga wa 2020 merapelo e ne ya akaretsa malwetse a a farologanyeng jaaka COVID-19, malwetse a a sa tshelanweng, kgokgontsho, dikotsi tsa tsela le tse dingwe.
Molomaganya ditirelo tsa bolwetse jwa AIDS mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa Mme Cathrine Molomo o buile se kwa Kolonkwaneng jaaka dikereke di ne phuthaganetse go tswalelwa merapelo ka Sontaga.
Setlhogo sa ngwaga ono e ne e le Kagiso le tshegofatso: Dineo tsa Modimo tsa letlotlo la Botsogo.
O ne a supa fa kgaolo ya Kgalagadi Borwa e na le dipalo tse di kwa godimo tsa malwetse a tlhakanelo dikobo selo se a supileng se bakwa ke go sa dirisiwe ga dikausu le gone go nna le bakapelo ba bantsi.
O supile fa balwetse bangwe ba sa ye go kopa thuso kwa kokelong go alafelwa malwetse ao mme a felele a jwelela.
Mme Molomo o ne a supa fa loaro lwa borre le le babalesegileng le fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare ka selekanyo sa 60 per cent, mme borre ba goga dinao go le dira.
O tlhalositse fa go tswa ngwaga oo fetileng go fitlha mo nakong eno go dirile fela borre ba le babedi.
Molomaganya ditirelo tsa bolwetsi jwa AIDS o ne a supa fa gape ba sa jesiwe diwelang ke dikgang tsa kgokgontso ya bong e e amang masika e gantsi e diragalelang basetsanyana ba ba kwa tlase ga dingwaga mme bomme bangwe ba felela ba bipa mpa ka mabele.
Are bana ba ba amegileng ba felela ba senyegelwa ke bokamoso ka bangwe ba bone ba ima ba sale bannye.
O ne a supa fa batho ba le 3 475 ba le mo lenaneong la dipilisi tse di ritibatsang mogare tsa ARV mme bontsi ba a nwa dipilisi ka fa go tshwanetseng ka teng.
Aew se se itumedisang ke gore go simolola ka 2018 go fitlha mo nakong ya gompieno ga gona lesea lepe le le tsholwang ka mogare wa HIV mo kgaolong eo.
O ne a kgothatsa baruti go tswelela ba tsibosa diphuthego tsa bone ka tsotlhe tse di amang botsogo le gone go ba gakolola go ikgapha mo go tswenweng ke malwetse a tlhakanelo dikobo le go itshireletsa ka nako tsotlhe ka nako ya tlhakanelo dikobo.
Sub Inspector Bareng Ditlhabang go tswa Middlepits o ne a tlhalosa fa dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a batho ba le bantsi mo lefatsheng, selo se a supileng fa se amana itsholelo ya lefatshe le malwapa ka go farologana mme a kopa bakgweetsi go fetola boitsholo le gone go obamela matshwao a tsela ka nako tshotlhe.
O boletse fa komiti ya dipalamo le ipabalelo tseleng ya kgaolo eo e dira ka gotlhe go tlhomamisa gore e gasa melaetsa e e maleba go tsibogela seemo sa dikotsi.
Modulasetilo wa lekgotla la baruti mo kgaolong eo moruti Ruben Mosimenyane o boletse fa dikereke di tswa kgakala ba tshwaraganye le Puso, le ba BOCAIP go lwantsha bolwetse jwa AIDS le a mangwe, selo se a supileng fa se ntshitse maduo, a supa fa ba tlaa tswelela ba gasa molaetsa wa go fetola boitshwaro.
Sub Inspector Ditlhabang o ne a supa fa ngogola ba gatisitse dikotsi di le makgolo a mabedi le botlhano mme ngwaga ono go simolola Hirikgong go fitlha mo nakong eno ba gatisitse di le lekgolo masome a mararo le bosupa.
Baruti ka go farologana ba ne ba rapelela malwetse aa farologanyeng, Pula, matshwenyego le dikgwetlho tse di leng mo lefatsheng leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Catherine Simane
Location : KOLONKWANENG
Event : merapelo
Date : 11 Oct 2022