Breaking News

A ditirelo di goroge kwa setshabeng

10 Oct 2022

Maphata a puso mo kgaolong ya Kgalagadi borwa a kgothaditswe go isa ditirelo le ditlamelo kwa Motswana mongwe le mongwe a leng teng ka nako ee tshwanentseng jaaka e le maikaelelo a puso.

Mopalamente wa kgaolo Rre Sam Brooks o buile se jaaka a ne a lekola banni ba motse wa Kisa bosheng maikaelelo e le go ba rolelela tsa phuthego ya palamente e e fetileng le go utlwa matshwenyego a bone.

O ne a kgothatsa badirelapuso  go ema ka dinao go tlhomamisa gore melao ee dirwang kwa palamenteng e isiwa kwa setshabeng ka go buisa diphuthego kwa dikgotleng gore Batswana ba kgone go e tlhaloganya botoka, a supa fa go tshwenya ka bangwe ba sa ntse ba goga dinao.

Mopalamente o ne tlhalosa fa banana ba le maoto a tshupa go tsaa mananeo a ba ka itshetsang le go tlhabolola matshelo  bone ntswa puso e ba eme nokeng ka go ba baya kwa pele fa go tla mo tshekatshekong ya di dikompone ka nako ya  dithentara le gone go rotloetsa maphata go reka mo dikgwebong tsa beng gae go di godisa.

Ka seemo sa motlakase o boletse fa o tshwenya bogolo jang mo metseng e gogelwang go tswa Afrika Borwa mme maikaelelo e le go buisana le tona o o maleba ka dikgakololo tsa bomaitsanaape go tlhofofatsa gore o gokelelwe mo mafaratlhatlheng aa mo Botswana go goroga mo Tsabong.

Moplamente o boletse fa mengwe ya melawana ee dumanweng e le wa Botswana Energy Regulation Authority wa theko le thekiso ya lookwane go tsena mo diatleng tsa Batswana go na le tsa batswakwa jaaka go ne go ntse pele.

Banni gareng ga tse dingwe ba ne ba ngongorega ka lekgotla la kabo ditsha la Tsabong ba re le tsaa lobaka go baya ditsha, motlakase oo sa ikanyegeng, tsela ya Tsabong-Kokotsha ee tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ka e le tshesane ebile e le dikhuti, dibatana tse di ba jelang loruo, metsi aa seng phepa a le borai mo botsogong jwa bone ka a le rusi le tanka  ee sa babalesegang le tse dingwe.

Modulasetilo wa VDC Rre Sedwin Kgaudi a re tiego ya lekgotla la kabo ditsha go ba neela setlankana sa kgwebo ya morafe ya dikoko tsa mae e nnile le seabe mo go salaleng morago ga ditlhabololo mo go yone.

Rre Kgaudi a re le ntswa khansele e dirile maiteko go ba thusa ka dikoko tsa mae  di le makgolo a mane sebe sa phiri ke go tlhoka kwa ba rekisang teng mme ba kopa mopalamenete go ba batlela mmaraka.

O ne a supa fa go na le tlhaelo ya dipilisi bogolo jang tsa tsa malwetsi  aa sa tshelanweng, letlhoko la dikoloi mo maphateng aa farologanyeng mo  go paledisang badirelapuso go dira tiro ka fa go tshwanetseng ka teng.

Rre Mpho Keareng  mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha o ne a tlhalosetsa morafe fa tiego e bakilwe ke ditshekatsheko tsa moalo wa lefatshe le go batla sekidi sa lefatshe kwa banni ba ka bewang teng.

O boletse fa dikopo tse ba di amogetseng go tswa kwa banning ba Kisa di le 94 mme diphatlha tse di leng teng tsone di le 152, a supa  fa ba tla ba baya mo bogaufing.

O kaile fa ba ipeetse seelo sa gore pele ga kgwedi ya Mopitlo e ya fifing ngwaga oo tlang ba tlaabo ba beile ditsha di le 2 156 mo metseng ee masome a mabedi le bobedi ya kgaolo eo.

Assistant Supurintendent Monnathebe Mphela o ne a supa fa bogodu jwa loruo bo ile tlase morago ga gore ba SSG ba goroge gaufi le motse wa Maralaleng. 

O boletse fa mapodisi a thibeletse mo kgaolong go thusa ka go dikologa terata ya molelwane kgapetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KISA

Event : Phuthego

Date : 10 Oct 2022