Kgosi Telekelo wa Ranaka o bolokilwe
09 Oct 2022
Matshwititshwiti a batho ane a tshologetse phitlho ya ga Kgosi Karabo Telekelo wa Ranaka ka Labone.
Fa a ntsha molaetsa mo boemong jwa puso, mogokaganyi wa makgotla a Setswana gotswa Moshupa, Mme Boatametse Nfila o supile fa Kgosi Telekelo a diretse morafhe ka botswapelo le boineelo, ka go thusa mo ditlhabololong tsa lefatshe ga mmogo le morafe wa Ranaka.
O supile fa leso la ga Kgosi Telekelo ele tatlhegelo e kgolo thata e seng fela mo go ba lelwala lwa gagwe, mme le mo setshabeng le puso ka kakaretso.
Mme Nfila o tlhalositse fa Kgosi Telekelo a dirile lebakanyana a sena go tlhomiwa mo setilong sa bogosi ka 2003, ele kgosana ya tetlanyo, morago a tlhatlosiwa maemo go tshwarelela bogosi, maemo a a tlhokafalang a le mo go one.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosikgolo wa Bangwaketsi, Kgosi Malope II o supile fa ane a golagane thata le moswi Kgosi Telekelo.
A re o simotse go mo itse thata ka nako e ba neng ba tsoma nkwe e a neng a tshwanetse go apara letlalo la yone fa a tlhomiwa.
Are ka nako ya ba ile letsomomg, Kgosi Telekelo one a itshupa fa ale tlhaga, e bile ale pelo e thata ka ditiro tsa gagwe ka nako eo. Kgosi Malope II o tlhalositse fa morafe wa Ranaka o sa latlhegelwa ole nosi.
O rotloeditse ba lesika go bona kgomotso mo Modimong.
Mokhanselare wa Nthantlhe/ Lekgolobotlo Rre John Taolo, gape ele tsala ya moswi, o ne a supa fa tsala ya gagwe a a sale a tlhoka go tsoga ka ngwaga wa 2015, mme a supa fa ba ne ba setse ba tlwaetse bolwetsi jwa gagwe.
Rre Taolo a re Kgosi Telekelo ene ele motho yo o lerato, yo o bopang, e bile ele motho yo o ratang dilo tse di tlhamaletseng, a rata batho ba thusiwa fa ba tlhoka thuso. O supile fa gape ene ele motho yo o tlotlang nako thata, e bile a dumela thata mo mokwalong, a tlatsa ka gore o segile tema e mongwe le mongwe a ka e salang morago.
Kgosi Telekelo o tshotswe ka Sedimonthole 25, 1966.
Ene ele leloko la setlhopha sa Mareledi Football Club morago ba tlhama setlhopha sa Ewisa se a se tshameketseng ka lobaka, ele sethakga sa kgele ya dinao.
Kgosi Telekelo o tlogela mohumagadi le bana.
Fa a bua ka ditso tsa motse wa Ranaka, tona wa pele, Rre Peter Siele o supile fa motse oo, o thailwe ka 1949 ka thulaganyo ya ga Kgosi Kgosi Bathoeng II ele nngwe ya tsela ya go bopa lefatshe la ga Ngwaketse.
A re ka mogopolo wa go busa lefatshe le bo rangwaneagwe, Kgosi Bathoen II o ne a romela rangwaneagwe e leng Telekelo go tla go tshegetsa motse oo, le go etelela batho ba motse oo pele, a lebogela go bo thulaganyo eo e sentse e tsweletse sentle go sena bothata bope. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : RANAKA
Event : Phitlho
Date : 09 Oct 2022