Moreomabele o tsamaisa Kgosi Motshwaedi sentle
09 Oct 2022
Kgosi Molosiwa Molosiwa wa kgotla ya Kagiso kwa Selebi Phikwe, a re go botlhokwa go ipelela baeteledipele fa ba tlogela tiro ebile ba e dirile sentle.
Kgosi Molosiwa o buile se kwa moletlong wa tsamaya sentle o o neng diretswe Kgosi Kgololo Motshwaedi kwa Moreomabele bosheng.
Kgosi Motshwaedi o tlogetse tiro ka bogodi ka kgwedi ya Lwetse.
Kgosi Molosiwa boletse fa Kgosi Motshwaedi a tshwanelwa ke go ipelelwa ka e ne e le moeteledipele wa popota ebile a tswa kgakala a direla setshaba ka jaana a kile a nna mokhanselara.
O ne a lebogela banni go rulaganya moletlo oo go phophotha Kgosi Motshwaedi legetla le go lebogela seabe sa gagwe mo go eteleleng morafe pele.
Kgosi Molosiwa a re se se supa gape fa banni ba Moreomabele ba lemoga fa Kgosi Motshwaedi e ntse e le pinagare ya motse wa bone.
A re o dumela gore ba tlaa tswelela ba mo dirisa go ba gakolola ka ditsela tse di molemo tsa go etelela morafe pele.
Kgosi Molosiwa o ne a tswelela a supa fa jaanong go le mo maruding a banni go batla motho yo o ka ba etelelang ka bonatla.
A re phatlha e e tlogetsweng ke Kgosi Motshwaedi e batla motho yo o nonofileng, a tlatsa ka gore yo o tlaa tsenang a kope tse di molemo tse a di dirileng. O tlhalositse fa go etelela morafe pele go batla lerato, bopelotelele le poifo Modimo.
Mokwaledi wa makgotla a Setswana wa kgaolo ya Palapye, Mme Annah Motswakhumo o tlhalositse fa Kgosi Motshwaedi o simolotse tiro ka 1996 e le kgosana ya tetlanyo mme a ne a tlhatlosiwa maemo go nna kgosi yo o sekisang ka 2008.
Mme Motswakhumo a re e le mogakolodi wa ba bogosi, o simolotse go bereka le Kgosi Motshwaedi ka 2019 go fitlhelela a tlogela tiro ka bogodi, mme a ise a utlwe modumo ope ka ene go tswa Moreomabele.
A re se se supa tirisano mmogo le kagiso e a neng a na le yone le morafe wa gagwe. Mme Motswakhumo a re lephata la bone le lebogela bonatla jwa ga Kgosi Motshwaedi, ditiro tse dintle tse di tlaa mo salang morago, ebile ba mo eleletsa boitapoloso jo bo molemo.
Modulasetilo wa komiti e e neng e rulaganya moletlo oo, Rre Musa Bakgethisi a re maikaelelo e ne e le go supa mowa wa neelano le go akgolela Kgosi Motshwaedi tiro e ntle e a e dirileng a le mo setilong.
Rre Bakgethisi a re ba kgonne go dira moletlo mo nakong e khutshwane ka gore Kgosi Motshwaedi o ne dira le morafe wa gagwe ka lerato a sa kgetholole.
Mo go la gagwe, Kgosi Motshwaedi o ne a lebogela moletlo a re ke sesupo sa tirisano le tshwaragano ya banni ba Moreomabele.
Kgosi Motshwaedi a re o segetse morafe tema ka gore o ba rutile le ditso tsa motse oo, ka jalo go saletse bone gore ba dirise dikitso tse a di ba abetseng. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MOREOMABELE
Event : Moletlo wa tsamaya sentle
Date : 09 Oct 2022