Breaking News

Khansele e tlhalosetsa banni ka tsa theko

09 Oct 2022

Mokwaledi wa khansele ya Mahalapye Mme Gomolemo Moepeng a re maikaelelo a khansele ke go isa ditirelo kwa setshabeng ka  tshiamo.

Mme Moepeng o buile se, mo thuto-puisanyong ya tsa theko, ee neng e rulagantswe ke Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami Dr Kesitegile Gobotswanang kwa Sefhare ka Labone .

O ne a tlhalosetsa ba tsena thuto puisanong eo, ka ditirelo tsa khansele tsa theko di akaretsa kago, kgokelo ya motlakase, ditsela gammogo le theko kwa dikolong tse di potlana.

Mme Moepeng a re thulaganyo ke gore ditiro tse di dirwang mo kgaolong di fiwe beng gae, a tlatsa ka gore thekiso ya mae e tshwanetse ya dirwa ke barui ba dikoko tsa mae, fa letlhafula lone le tshwanetse go rekisiwa ke molemi.

A re go na le komiti ee sekasekang gore a mme morafe o abelwa ditiro sentle.

Fa a itebaganya le lenaneo la go phakisa dijo, a re beng ba marekisetso  ba tshwanetse go  reka mechine ee dirisiwang go tsaya dijo.

Mme Moepeng o ba kgothaditse go bala bukana ya Government Gazette go bona ditiro tse di teng. A re fa gona le tiro mo metseng e anamisiwa le kgaolo yotlhe.

E rile a tswa la gagwe mopalamente wa kgaolo Dr Gobotswanang a tlhalosa fa  maikaelelo a thuto-puisanyo eo, ele go abelana dikitso ka tsa theko ya khansele.

A re bolwetse ba COVID-19 bo phutlhamisitse itsholelo ya lefatshe, dikgaolo le metse, a tlatsa ka gore go e tsosolosa ke gore ditiro tse di dirwang mo metseng kgotsa mo kgaolong di abelwe beng gae le theko e dirwe  mo kgaolong.

O ne a tlhalosa fa ofisi ya gagwe e amogela dingongorego tsa gore ditiro di abelwa batho ba ba tswang kwa dikgaolong di sele.

Dr Gobotswang a re kgang ya go kwala madi a ko tlase ga ba ikopedi ba ditiro go dira gore ditiro di seka tsa wela.

O ne a rotloetsa batsena thuto-puisanyo gore fa ba abetswe tiro  ba  dire ya boleng, ka nako le madi a ba a filweng.

 Mogolwane wa lekalana la tsa theko wa khansele ya Mahalapye Rre Moreki Koko o ne ba lekodisa ka tse di tlhokafalang fa motho a ikopela tiro. A re tsamaiso ya theko e dirwa go setswe morago   Public Procurement Act.

A re bomme, banana le ba-na-le bogole ba sekasekelwe pele fa go abiwa ditiro fela fa kompone ele ya bone. BOPA

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : SEFHARE

Event : Thuto-puisanyo

Date : 09 Oct 2022