Breaking News

Komiti e tshwenngwa ke batsamaya ka dinao

09 Oct 2022

Ba komiti ya ipabalelo tseleng mo Kasane ba re ba tshwentswe ke ka fa batsamaya ka dinao ba dirisang tsela ka teng.

Mo potsolotsong le BOPA. mothusa mookamela mapodisi a pharakano a Kasane, Inspector Vezera Ndjiva a re ba lemogile fa batsamaya ka dinao ba sa dirise makgabaganyo a tsela, le fa a le gaufi.

A re le fa go gatisitswe kotsi e le nngwe fela ee gapileng botshelo jwa motsamaya ka dinao ngwaga ono, tiriso ya tsela yone ya tshwenya ka batsamaya ka dinao go le gantsi ba tsamaya ka fa lebogong le eseng lone, ba fularetse dikoloi.

Inspector Ndjiva a re fa gongwe batho ba tsamaya mo gare ga tsela.

Molomaganyi wa ditiro tsa ipabaleleo tseleng mo Chobe, Rre Baliki Tsopane ene o ne a re ba bone go tshwanela gore go tloga ka Phalane a le 6 go ema a le 7 ba bolotse letsholo la go ruta batho mo Kasane le Kazungula ka tiriso ya tsela.

A re mo letsholong leo ba itebagantse thata le batsamaya ka dinao ka ele bone go lebegang ba ba sa diriseng tsela sentle. 

Le fa gontse jalo, Rre Tsopane a re ba tla nna ba bua le bakgweetsi ka jaana bangwe ba bone ba sa fokotse lebelo fa ba atumela makgabaganyo a batsamaya ka dinao.

A re e re le ntswa komiti ya gagwe etle e tsamae mo dikoleng e ruta ka ipabalelo tseleng, e ne ya re ka nako ya COVID-19 dithuto tseo tsa ema, mme bana ba setse ba lebetse ka tiriso ya tsela e e babalesegileng.

Fa atswa la gagwe, Rre Otutile Matisha yo leng motshwarelela mookamela ofisi ya Lephata la Dipalamo le Ipabalelo Tseleng mo Kasane, o ne a re letsholo leo le kopanetswe ke kgaolo ya bokone e e akaretsang Selebi Phikwe, Francistown, Bobonong, Nata, Sowa, Tutume, Masunga le Kasane.

Rre Matisha o tlhalositse fa ba tlaa lekola dikoloi tsa setshaba gore a di itekanetse go tsamaya mo tseleng. 

A re go tlaabo go dirwa jalo ntle le dituelo, ele go thusa setshaba gore se itse gore dikoloi tsa sone di mo seemong se fe le go thusa gore mo ditseleng go tsamae dikoloi tse di babalesegileng. 

A re bakgweetsi ba tlaa rutwa gape gore ba kgone go lemoga fa dithaere tsa bone di fedile.   BOPA

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : KASANE

Event : Potsolotso

Date : 09 Oct 2022