MotswAfrika o rotloetsa tshomarelo ngwao
09 Oct 2022
Go botlhokwa go somarela ngwao go netefatsa gore ga e nyelele.
Se se builwe ke mongwe wa barulaganyi ba moletlo wa MotswAfrika Mahalapye Arts and Cultural Festival 2022, Rre Hosiah Motlhalawapitse mo potsolosong bosheng.
“Maikaelelo a rona ke go tshwara moletlo o ngwaga le ngwaga go tsosolosa ngwao mo Mahalapye. Fa o ka ela tlhoko mo Mahalapye ga gona moletlo o e leng gore re ka ikgantsha ka one le go o dirisa go rutuntsha banana ka ngwao tsa rona tse di farologaneng ka motse wa rona ele makgatlhanela thapong,” a tlhalosa.
Rre Motlhalawapitse a re merafe ee saleng e thibelela mo Mahalapye e akaretsa BaXhosa, Bakaa, Bakalaka, Baherero le Bangwato.
Ka moletlo o, a re ba ikaeletse gape go ruta, bogolo jang bana ngwao ee nonneng ya merafe ya Mahalapye.
Leina la MotswAfrika, Rre Motlhalawapitse a re ba le tlhamile ba patagantse maina a mabedi, e bong Motswana le MoAfrika, go supa gore ke Batswana pele e nna ma Afrika.
A re ba sale ba ba rulaganya moletlo o go tloga ka 2014, mme ka maswabi ka ngwaga wa 2020 ba ne ba retelelwa ke go diragatsa maikaelelo a bone a go o simolodisa sentle ka lebaka la tlhagogo ya segajaja sa COVID-19.
Le fa gontse jalo, a re morago ga gore puso e bulele go tshwarwa ga meletlo, ba ne ba seka ba itsapa mme ba tswelela ka kanamiso ya moletlo o gore batho ba nne ba itse ka one.
Maikaelelo, a re ke go tshwara moletlo o Matlhatso a bofelo a kgwedi ya Moranang, ngwaga le ngwaga.
Le ntswa ba kopane le dikgwetlho tse di farologaneng jaaka go tlhoka barotloetsi ka palo e nametsang, Rre Motlhalawapitse a re mo ngwageng ono ba thusitswe ba Real Tea, Kgalagadi Breweries Limited (ka Chibuku) le Botswana Agricultural Marketing Board.
O supile boitumelo ka batho ba ba etleeditseng ka go reka dithekethe tsa moletlo wa bone le go o tsenelela.
Ka tshologelo ya moletlo o, e ne e le kwa tlase, o ikuetse mo bagwebing gore ba ba rotloetse ga mmogo le banni ba Mahalapye le Batswana ka kakaretso, bogolo jang banana.
Moletlo o, o akaretsa kapari ya ngwao, mmino wa Setswana le poko, dijo le dino tsa setso, go ithuta puo tse di farologaneng tsa merafe le metshameko ya bogologolo ka go farologana. BOPA
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Cultural Festival
Date : 09 Oct 2022