Breaking News

A moretlwa o lele

06 Oct 2022

Banni ba Serowe ba rotloeditse dikgosi tsa motse oo go letsa moretlwa mo bananeng ba ba inaakantseng le borukutlhi.   

Ba buile jalo ka Laboraro mo phuthegong e e neng e biditswe ke mothusa motshwarelela bogosi jwa ga Gammangwato Kgosi Serogola Seretse.

Banni ba boletse fa molemo o mogolo e le wa go otlhaya bana ka thupa gore ba itse fa ngwana yo o sa utlweng molao wa batsadi a utlwa wa manong.

Mongwe wa dibui, Mme Cynthia Malebogo, o kopile gore molao o gagamadiwe thata ka gore banana ba bonwa kwa marekisetsong ba ntse fela ba sa dire sepe go fitlhela bosigo, selo se a reng se felela se ba tsenya mokgwa wa go senya.

Kgosi Seretse o ne a biditse morafe go o supegetsa dikgosi tse pedi tse a di tlhophileng go nna bathusi ba gagwe kwa kgotleng e tona.

O ne a thiba diphatlha tse di ntseng di sena ope morago ga gore dikgosi dingwe di tlogele tiro ka bogodi.

O ne a bega Kgosi Kgomotso Boiditswe go tswa Topisi yo o tlhatlositsweng maemo go nna moemela kgosi mo kgotleng e tona ya Serowe le Kgosi Bakae Khumo go tswa kwa kgotleng ya Basimane boo-rra Khumo mo

Serowe, yo le ene o tlhatlositsweng maemo.

Fa ba amogela mafoko a ga Kgosi Seretse, dikgosi le morafe ba ne ba lebogela morero wa ga kgosi.

Ba boletse fa Kgosi Seretse a ntse a le mabogodika mme ba rotloetsa ba ba sa tswang tlhophiwa  go bereka ka natla bogolo jang mo go lwantsheng botlhokatsebe ga banana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 06 Oct 2022