Dikole dingwe tsa bananyana di tlola molao
06 Oct 2022
Toropo ya Gaborone e aparetswe ke go tlhoka go sala morago melawana ee tsamaisang dikole tsa bananyana
Mo nakong e, go na le dikole tsa bananyana di le masome a mabedi le boraro tse di dirang e se ka fa molaong.
Ratoropo wa Gaborone, Rre Austin Abraham o tlhalositse se ka Labobedi fa a bula phuthego ya khansele.
A re dingwe tsa dikole tse, ga di a kwadisiwa ka fa molaong le ntswa di amogela bananyana.
Rre Abraham a re badiramolato ba, ba dira se ka ba lemogile fa go na le letlhoko le le tseneletseng la dikole tsa bananyana mo toropong.
A re badiramolato ba lemogile fa bontsi jwa malwapa a tlhoka ditlamelo tse di ka tlhokomelang masea go simolola mo kgweding tse tharo.
O ne a tlhalosa fa thuto ya bananyana e laolwa ke molao wa tlhokomelo ya bana ba bannye wa 2001.
Rre Abraham o kaile fa Gaborone a okametse dikole tsa bananyana di le 131, mme di akaretsa tse di ikemetseng ka nosi, tsa makgotla a a ikemetseng, tsa dikereke le tsa morafe.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Abraham a re khansele ya gagwe e tsweletse ka go thusa batho ba ba dikobo dikhutshwane, a re mo nakong eno ba thusa batho ba le 1 304.
A re mo dipalong tse, ba le 33 ke ba ba tlhokomelelwang kwa malwapeng, 273 ke batlhoki, 116 ke bana ba ba tlhokang tlhokomelo, 284 ke baithuti ba dikole tse di farologaneng, fa ba le 598 e le masiela.
Rre Abraham a re lephata la khansele la boipelego le tsweletse ka go fa batho botlhe ba le ba thusang bogakolodi jwa tshidilo maikutlo.
A re bangwe ba thusiwa ka go gokaganngwa le mananeo a a ka ba inolang mo lehumeng, ka go dira mananeo a itshetso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bonang Masolotate
Location : GABORONE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 06 Oct 2022