Ba kopiwa go tlhokomela matlo
06 Oct 2022
Mme Tuduetso Otlhomilwe le Rre Goitsemodimo Pheelo ba kopilwe go tlhokomela matlo a ba a abetsweng.
Kopo e e dirilwe ke Kgosi Pinagare Rabasima wa kgotla ya Ramogate kwa Serowe kwa moletlong wa go rolela bobedi joo dimpho tsa matlo ka Labobedi.
Matlo ao a ne a rolwa ke mokhanselara wa kgaolwana ya Serokolwane, komiti ya ditlhabololo tsa Ramogate le moemedi go tswa kwa ofising ya mopalamente ya Serowe Bophirima.
Fa a gatelela botlhokwa jwa go tlhokomela matlo ao, Kgosi Rabasima o ne a tlhagisa kgatlhanong le go amogwa bonno joo ke bana kana ope fela.
E rile a ntsha la gagwe moemedi go tswa kwa ofising ya mopalamente Mme Kamogelo Omponye a re gore motho a nne le seriti ke fa a na le bonno.
O ne a tlhalosa fa matlo ao a agilwe ka lenaneo la madi a a fiwang dikgaolo tsa botlhophi.
Mme Omponye a re Mme Otlhomilwe le Rre Pheelo ba ne ba ba tlhophiwa ka thuso ya ofisi ya boipelego, ka e le yone e leng gaufi le batho, ka jalo e le mo seemong sa go lemoga matlhoki a batho.
O ne a ba kopa go tlhokomela matlo ao gore le motlhang ba hulereng bana le dikokomane tsa bone ba sale ba a dirisa.
Mme Omponye o ne a supa fa nngwe le nngwe ya matlo ao a dikamore tsa borobalo tse pedi e agilwe ka P100 000.
Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana ya Serokolwane, Rre Setlalekgosi Molefhi o ne a bolela fa puso e leka ka bojotlhe gore mongwe le mongwe a nne le seriti mme tsela nngwe ya go tlhomamisa seo e le ka go thusa ba ba sa kgoneng ka bonno.
Rre Pheelo a re o itumeletse go bo le ene jaanong a na le seriti jaaka batho ba bangwe ba ba nang le bonno jwa boleng jo bo siameng. O ne a kopa gore mowa o montle wa go thusa ba ba tlhaelang o tsweledisiwe ka jaana letlhoko le santse le le lentsi mo setshabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : SEROWE
Event : Moletlo
Date : 06 Oct 2022