Breaking News

Banni ba Lerala ba kopa go agelwa kokelo

05 Oct 2022

Banni ba Lerala  ba kopile go agelwa kokelo go fokotsa sekgele se ba se tsamayang go ya bongakeng kwa Sefhare le Palapye.

Ba ikuetse jalo mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke Mothusa Tona wa Botsogo, Rre Sethomo Lelatisitswe, ka Labone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Leruo Matlala, a re kokelwana ya bone e thusa metse e le merataro gammogo le dipolase tse di mo kgaolong eo.

Mooki yo o okametseng kgaolwana ya Maunatlala/Lerala, Mme Karino Alona o rurifaditse fa kokelwana ya Lerala e sena ngaka ebile e tlhaelelwa ke baoki.

A re seemo se se bokete mo balwetseng ka ba tlamega go latela bongaka kgakala. Fa a tswa la gagwe mothusa tona Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa lephata la gagwe le itse ka matshwenyego a banni mme segajaja sa COVID 19 se kgoreleditse ditlhabololo ka bontsi.

A re COVID-19 e ne ya emisa sengwe le sengwe, a fa sekai ka maaro mangwe a neng a sa dirwe mme se se bakile mela mo dikokelong.

Rre Lelatisitswe a re lephata ga le a nna fela ka le simolotse letsholo la maaro go lwantsha mela.

A re gona le tlhaelo ya melemo mme tse tsotlhe ke ditla morago tsa COVID-19.

Rre Lelatisitswe a re Tautona wa lefatshe leno o tsweletse ka go bua le dikhamphane tse di dirang melemo gore ditle go bula madirelo mono.

A re tlhaelo ya dingaka e bakilwe ke gore lephata le isitse dingaka sekoleng gore di ikoketse dithuto.

A re lephata le solofetse dingaka tse di itebagantseng le malwetse aa rileng di le 71 gotswa kwa lefatsheng la Cuba. Rre Lelatisitswe a re maikaelelo a lephata ke gore mo isagong motse mongwe le mongwe o nne le ngaka.

Mongwe wa banni ba Lerala, Rre Macheal Baithuti a re ba kopa kokelwana ya bobedi ka gore ee teng e mosuke gape balwetse ba tsaya sebaka ba le mo meleng.

Rre Samuel Molebalwa ene a re ba na le matshwenyego a gore fa motho a tlhokafetse ba tsamaya sekgele ba ya Palapye kana Sefhare gore ngaka e ye go rurifatsa fa a tlhokafetse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LERALA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 05 Oct 2022