Ba Motokwe le Takatokwane ba itumelela go godisiwa ga kgaolo
05 Oct 2022
Banni ba Motokwe le Takatokwane ba itumeletse gore kgaolo potlana ya Letlhakeng e tlaa godisiwa go nna kgaolo.
Se se tla morago ga gore mopalamente wa Takatokwane, Rre Friction Leuwe, a lekodise banni ba metse eo ka melao e e fetisitsweng kwa palamenteng.
O ne a buisa e diphuthego tsa kgotla bosheng.
Modulasetilo wa pele wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Tlotlo Batlhophi o ne a lebogela gore Letlhakeng jaanong e tlaa nna kgaolo e e feletseng.
Le fa go ntse jalo, Rre Batlhophi a re o tshwenngwa ke batho ba ba ratang menate thata bogolo jang fa ba bereka, a supa fa se se ba diela nako ya go itirela bokamoso.
O ne a kopa Batswana go fetola ka fa ba akanyang ka teng jaaka Tautona wa lefatshe leno a gatelela botlhokwa jwa go fetola matshelo le gone go baakanyetsa bokamoso.
Mopalamente Leuwe o ne a rotloetsa banni go dirisa sebaka sa go godisiwa ga kgaolo ya bone go tshwaragana le go dira mmogo.
O ne a ba gakolola gore ba seka ba lwela dikgang tse ditshesane ka jaana se se ka dira gore kgaolo potlana e seka ya neelwa sebaka sa go nna kgaolo mme maemo ao a ka neelwa ba bangwe.
Mothusa kgosi wa Motokwe, Kgosi Aobakwe Molaole ene o ne a supa matshwenyego a gore ba sa le ba solofediwa sekole mme seo se ise se diragale.
O ne a kopa gore go atamediwe ditlamelo tsa temo-thuo kwa masimong le kwa merakeng a supa fa banni ba Motokwe e le balemi barui ba popota.
Kgosi Molaole o boletse fa go tlhoka ditlamelo go dira gore ba felele ba nna nako e ntsi kwa gae ba latetse ditlhabololo tsa metlakase, metsi le maranyane.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Motokwe, Rre Ngongorego Kgalaeng o ne a supa fa ba gatetse pele ka jaana ba rekile sebalamakgolo ebile ba se tsentse maranyane a se gompieno.
O ne a supa fa ba ikaelela go rekela komiti koloi le gone go baakanya lebala.
O ne a kopa mopalamente go ba kopela motshine o o ntsifatsang dipampiri.
Rre Kgalaeng o ne a tlhalosa gape fa ba sena badiri ba ba lekanyeng kwa kokelwaneng ya Motokwe.
O tlhalositse gape fa ba tlhaelelwa ke matlo a badirelapuso.
Kgosi Visco Tsiane wa Takatokwane o ne a tlhalosa fa kokelwana ya motse oo e le e e dirang bosigo le motshegare, a supa fa badiri ba yone ba bareka ka go fapaana mme ba tlhaela.
Kgosi Tsiane o tlhalositse fa kokelwana eo e ka bo e na le dingaka di le nne mme jaanong ba na le ba le babedi fela, a tlhalosa fa ba sa kgone go thusa mafelo a a dikologileng motse oo ka ntlha ya tlhaelo ya dingaka le dikoloi.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Takatokwane, Mme Mmanorah Mokoma ene o boletse fa komiti ya gagwe e baakantse matlo a le mane, gape ba na le matlo a le mabedi a a goketsweng motlakase mme a sa tshube.
Mme Mokoma o tlhalositse fa ba dumalane le barui go duela P10 tlhogo ya kgomo fa ba pega dikgomo kwa mogotlheng mme madi ao a tlaa dirisiwa go o baakanya.
Mokhanselara wa Takatokwane/Dutlwe, Rre Johane Gaosafelwe, o ne a lebogela phuthego eo a bo a kopa banni ba Takatokwane go tswelela ka go kwadisa ditsha a supa fa ikwadiso e tlaa tswalwa kgwedi ya Phalane le masome a mabedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego
Date : 05 Oct 2022