Tlhaelo ya melemo e santse e tshwenya
05 Oct 2022
Segajaja sa COVID-19 se tlhotlheleditse tlhaelo ya melemo ka madirelo mangwe a ne a tswetswe ka nako ya kiletso mesepele.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Majwaneng bosheng, Mothusa Tona wa Botsogo, Rre Sethomo Lelatisitswe o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno tlhaelo ya melemo e bakiwa ke mafatshe a a dirang melemo ka a ithusa pele morago ke gone a rekisetse a mangwe.
A re seemo sa tlhaelo ya melemo se dira gore balwetse bangwe ba fetolelwe melemo, mme o ne a ba rotloetsa gore ba seka ba gana.
Mo go tse dingwe, Rre Lelatisitswe o ne a lebogela setshaba go tsaya mokento wa COVID-19.
A re lenaneo la gore ba ba tshelang ka malwetse a a sa tshelanweng ba ka tsaya melemo kwa madirelong a a ikemetseng fa e seyo kwa dikokelong tsa puso, le kgorelediwa ke gore le bone ba ba ikemetseng ba amilwe ke seemo sa tlhaelo ya melemo.
Mothusa Tona o gakolotse badiri ba lephata la botsogo gore ba ne ba etela dikgaolo go rarabolola matshwenyego a setshaba.
Kgosi Gomolemo Molebatsi wa Majwaneng ene o supile fa ba na le tlhaelo ya baoki.
A re badisa dikago ba kwa kokelwaneng ga ba theogele sentle mme se, se baya banni ka fa mosing ka jaana e le bone ba thusang balwetse fa go tlhokega gore go bidiwe mooki.
O kopile gore kgang ya badisa dikago e potlakelwe.
Monni wa motse, Rre Gothusang Sesigo a re fa melemo e seyo kwa kokelwaneng, gatwe ba ye go ithekela kwa madirelong a a ikemetseng.
O supile gape gore fa motho a fetiseditswe kwa dikokelong tse tona, o a ipega e re a tsena kwa a busiwe gotwe a tle gape.
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MAJWANENG
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 05 Oct 2022