Breaking News

Rapelelang malwetse a digajaja

04 Oct 2022

Batswana ba kopilwe go tswelela ba rapedisa bolwetse jwa HIV/AIDS le a mangwe le fa kgwedi ya merapelo kgatlhanong le malwetse e fetile.

E rile a bua kwa tswalong semmuso ya kgwedi ya merapelo kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/AIDS le digajaja tse dingwe kwa Maun ka Tshipi, Moruti John Kamedi wa kereke ya Seventh Day Adventist a kgothatsa badumedi go tia mo thapelong.

A re mo dingwageng tse di fa morago go ntse go tla masula a mantsi jaaka segajaja sa COVID-19 se se tlogetseng batho ka mahutsana ka ba tlhokafaletswe ke masika, ka jalo a supa fa go sena yo o itseng gore go santse go tlaa tlhasela segajaja sa mohuta mang kamoso.

Moruti Kamedi a re Bakereste ba tshwanetse go tlhaloganya fa le bone ba ka angwa ke malwetse le diemo dipe tsa lefatshe ka e le batho ba nama le madi.

O ne a ba kgothatsa go tsaya malebela mo baneng ba Iseraele fa ba ne ba tswa kwa Egepeto, fa e rileng ba itlhobogile teng Modimo a ba falotsa mo lewatleng le le hibidu le mo masoleng a ga Pharoah.

A re thuto e o e tshwanetse ya kgothatsa Batswana mo nakong e ka gore Modimo ke ene fela a ka ba falotsang mo masuleng a selefatshe.

Mookamedi wa lekgotla la baruti kwa Maun, Prophet Thato Elias o ne a iteela legofi dikereke tse di neng di tsile moletlong oo. 

A re go bonala fa baruti ba tsere molaetsa ka tlhoafalo mme ba kgothatsa maloko go tsaya letsatsi leo tsia. O supile fa malwetse le matlhoko a a apesitseng lefatshe kobo ka letshoba, a tshwanetse go emelwa dinao ke botlhe.

Prophet Elias o tlhalositse fa puso e ne ya simolodisa kgwedi ya merapelo kgatlhanong le HIV/AIDS morago ga go lemoga fa segajaja se se ne se ganyaola Batswana. A re Tautona wa pele Sir Ketumile Masire o ne a kgothatsa dikereke go kopana go rapelela matlhoko ao.

A re e rile morago ga tlhagogo COVID-19, puso ya tsaya tshwetso ya gore le yone e rapedisiwe ka e ne e gapa matshelo.

Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o ne a supa boitumelo go bona banana ba tsene letsatsi le la thapelo ka dipalo tse di kwa godimo, a re se se botlhokwa ka e le bone ba amegang thata mo matlhokong a a aparetseng lefatshe jaaka dipolaano.

Kgosi Moremi a re o dumela fa Modimo a amogetse dithapelo tsa Batswana, mme a ba kopa go itlhokomela le go iphapha mo diemong tse di ka tsenyang matshelo a bone mo kotsing. BOPA

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : MAUN

Event : Phuthego

Date : 04 Oct 2022