Breaking News

Kgosi Nkgageng o bolotsa letsema

05 Oct 2022

Kgosi Simon Nkgageng wa Tati Siding o boloditse letsema ka Tshipi kwa kgotleng ya motse oo.

Fa a bolotsa letsema, Kgosi Nkgageng o kopile ba ba sa agelelang masimo a bone go dira jalo, go fokotsa dipego tsa gore ba senyeditswe mo masimo le mororo a sa agelelwa.

A re bontsi jwa dipego tse di tswa mo metseng ya Ditladi, Shashe Bridge, Patayamatebele le e mengwe.

Kgosi Nkgageng a re o boloditse letsema nako e sale teng go fa balemi nako ya go simolola go ipaakanyetsa temo e e tlang le go tshwara bokgola le dipula tsa ntlha.

O kopile barui go tlhokomela leruo le go le ntsha mo motseng ka jaana le senyetsa batho merogo e ba lekang go itshetsa ka yone mo ditshingwaneng.

“Leruo le le senyang mo malwapeng le akaretsa dikgomo, dipodi, dinku le ditonki,” ga rialo Kgosi Nkgageng.

O ne a kopa morafe gore jaaka go ne go dumelanwe mo kgotleng mo phuthegong e e fitileng, ke maikarabelo a bone go bona gore leruo le ntshiwa mo motseng, go fokotsa go begwa ga tshenyo ya leruo, gape a tlhalosa fa se se ka lere ditlhabololo mo motseng o e leng karolo ya ditlhabololo tsa toropo ya Francistown.

Mo kgannyeng e nngwe, Kgosi Nkgageng o tlhalositse fa ba sa bone boroko ke marekisetso a bojalwa a mo malwapeng, ka jaana go rekisiwa bojalwa bosigo jotlhe mme modumo wa diletso o le kwa godimo.

A re se se ngomolang pelo ke gore kwa marekisetsong ao, go tletse dintwa mme a kopa barekisi go kwadisa dikgwebo tsa bone le maphata a a lebanyeng gore a laolesege.

Mo go tse di amang boipuso jwa monongwaga, Kgosi Nkgageng o tlhalositse fa mapodisi a motse a begile ka Mosupologo fa basadi ba le babedi ba ketekilwe ke bakapelo kwa Tagala Lodge.

O akgotse morafe le banana go bo ba ne ba itshwere sentle, mme a ba rolela hutshe mo tirisanyong mmogo ya bone le mapodisi. BOPA

 

 

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : TATI SIDING

Event : Phuthego

Date : 05 Oct 2022