Breaking News

Boora Magetse ba abetse baithuti

04 Oct 2022

Mme Isabel Magetse o abetse baithuti ba sekole se sebotlana sa Lefhoko kwa kgaolong ya Borwa ditlhako tsa sekole di le masome a marataro le botlhano le mephuthelwana ya dijo.

E rile a bua kwa kabong ya dimpho tseo bosheng, Mme Magetse a re o gwetlhilwe ke seemo sa bana dingwaga tse di fetileng fa a ne a etetse baithuti ba gagwe ba ithutelo borutabana.

A re e re le ntswa mo dingwageng a ntse thusa ba mafelo a mangwe, o ne a itlama gore nako nngwe o tlaa diragatsa toro ya gagwe ya go kgaogana lemme le baithuti ba Lefhoko.

“Maikaelelo a mpho e ke go oketsa maiteko a batsadi jaaka ba tshwere ka natla go tlamela bana ba sekole. Jaaka morutintshi, ke gwetlhilwe ke lerato gore ke nne le seabe se mo thutong, ka jalo ka bona go tshwanela go diragatsa mogopolo o bogolo jang ka ke sa tswa go nna le moletlo wa go ipelela dingwaga di le masome a marataro.”

Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Kanye Borwa, Dr Lemogang Kwape o ne a akgolela Mme Magetse le ba lelwapa la gagwe go bo ba dirile tiro e ntle ya go rotloetsa thuto ya bana.

O ne a gwetlha batsadi go netefatsa gore ditlhako tseo di a tlhokomelwa.  

Le fa go ntse jalo, Dr Kwape o ne a supa matshwenyego ka maduo a a kwa tlase a sekole seo. 

“Ga go thuse sepe gore re nne le dikago tse dintle jaana mme maduo a seyo.” 

A re go botlhokwa gore batsadi ba tlhwaafalele thuto ya bana ka jaana ke bone ba ka tokafatsang matshelo kwa malwapeng le gone go ba ntsha mo lehumeng. 

Mopalamente o ne a rotloetsa bodiredi go tshwara ka natla, le ntswa go na le dikgwetlho mo ditirong.  E rile a tswa la gagwe, morutabana wa tsa bogakolodi kwa sekoleng seo, Mme Goitseone Modise a galaletsa boora Magetse, a tlhalosa fa mpho eo e tlaa busetsa seriti mo baneng le go ba kgothatsa go ithuta thata.

“Re le barutabana re a bona gore go botlhoko mo baneng fa ba lemoga gore diemo tsa bone tsa itsholelo ga di lekane, ka jalo ditlhako tse di tlaa tlisa boitumelo mo go bone.” Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : LEFHOKO

Event : Kabo Dimpho

Date : 04 Oct 2022