Tautona o rolela Tshipe hutshe
04 Oct 2022
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o akgoletse Kgosi Tshipe Tshipe go tsaya tshwetso ya go gorosa Mohumagadi Sylvia Tshipe.
Tautona Masisi o eleleditse bobedi jo masego le matlhogonolo mo nyalong ya bone.
O buile jalo ka Matlhatso Phalane a rogwa, kwa lenyalong la bobedi joo kwa Mahalapye.
A re Kgosi Tshipe, yo e leng mothusa kgosi wa Mahalapye, e bile gape e le mothusa modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, o tswa kgakala a direla lefatshe ka bonatla.
“Mma ke itumelela go go bona. Ke ne ke batla gore ke nne mosupi gore kgosi o tlhophile sentle. Mme ke a bona gore o tlhophile sentle, le a tshwanelana. Ke a itumela gore kgosi yame e tlaa bo e gata sentle jaanong,” ga bua Tautona Masisi.
Tautona Masisi o rotloeditse Mohumagadi Tshipe go ema Kgosi Tshipe nokeng gore ba direle lefatshe mmogo.
“Kgosi Tshipe ke motho yo o direlang lefatshe mma. Ke tsaya gore le wena wa go tswelela o direla lefatshe, o mo eme nokeng. O na le tiro e ntsi ka gore paka ya gagwe ya go direla lefatshe e mogoga moleele, e bophara e tshwanetse go godisiwa lefatshe ka bophara, e seng fela mo Mahalapye,” ga tlatsa Dr Masisi.
Mo mafokong a gagwe a kgothatso, Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, o akgoletse Kgosi Tshipe go tsaya tsela ya go nna le mothusi yo a mo filweng ka fa molaong.
Rre Autlwetse a re go etelela morafe ke selo sa botlhokwa, a tlatsa ka gore dikgakololo tse di boammaruri di tswa mo lwapeng.
Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso o galaleditse a bo a eleletsa Kgosi Tshipe le Mohumagadi katlego mo lenyalong la bone.
A re lenyalo ke thulaganyo ya Modimo, mme le tlhoka go fiwa tlotlo. “Le tsere tshwetso e maleba, e bile ke dumela gore se re se bonang fa se tla tsaya dingwaga-ngwaga,” ga tlatsa Kgosi Puso.
Mo mafokong a malebo, Kgosi Tshipe le Mohumagadi ba lebogetse lerato le kemonokeng ya ga Tautona Masisi le mohumagadi wa gagwe Mme Neo Masisi ga mmogo le masika, ditsala le botlhe ba ba neng ba tsene moletlo wa lenyalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Moletlo wa Lenyalo
Date : 04 Oct 2022