Breaking News

Tiriso ya diritibatsi ga e jese kgosi diwelang

04 Oct 2022

Boeteledipele jwa Selebi Phikwe jwa re ga bo jesiwe diwelang ke tiriso botlhaswa ya diritibatsi.

Matshwenyego a a ntshiwe ke Kgosi Molosiwa Molosiwa wa Kagiso kwa phuthegong ya kgotla fa a amogela mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse ka Labone Lwetse 29.

O supile fa go tshwarwa bana ka diritibatsi tsatsi le letsatsi, a tlhalosa fa mo bogaufing ba dule letsholo le mapodisi go batla modi wa tiriso ya ditagi.

A re go lemosegile fa bangwe ba dirile masingwana a motokwane mo malwapeng.

A re batsadi bangwe ba na le seabe mo tirisong ya diritibatsi mo bananeng. Kgosi Molosiwa a re se se ngomolang pelo ke gore go gogwa ga diritibatsi go setse go tlopegetse le kwa dikoleng.

A re barutabana ba setse le bone ba imelwa ke tiro ka ba tsaa nako e ntsi ba lwa le dikgang tsa go tlhoka tsebe ga bana kwa dikoleng.

Kgosi Molosiwa a re se se ngomolang pelo ke gore diritibatsi tse di rekisiwa ke batsadi ba e ka bong e le bone ba kgalemelang bana. 

E rile a tswa la gagwe, Rre Keorapetse o ne a rurufatsa fa mapodisi a tshwenngwa ke tiriso e e kwa godimo ya diritibatsi kwa Selebi Phikwe. O rotloeditse batsadi go tsaa nako le bana ba bone gore ba kgone go ba itse le go ba tlhaloganaya.

Mo go tse dingwe, Rre Keorapetse o ne a bolelela morafe fa maiteko a go okela bagwebi kwa Selebi Phikwe a tsweletse.

A re nngwe ya dikhamphani tse di leng teng ke ya temo ya dinamune e e setseng e simolotse tiro. A re ba itumelela se se dirwang ke lekalana la SPEDU go gogela bagwebi kwa Selebi Phikwe ka se se ka thusa go tsosolosa itsholelo ya toropo.

Rre Keorapetse o ne gape a supa fa a solofetse gore khamphani ya Premium Nickel Resources e e rekileng bontlha bongwe jwa moepo wa BCL e tlhame ditiro morago ga go wetsa ditshekatsheko. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 04 Oct 2022