Mapodisi ba abela mo-na-le bogole dijo
03 Oct 2022
Erile mo bekeng e fetileng ka Laboraro ba sepodisi sa Maun ba abela mme wa mo-na-le bogole dijo tsa boipuso.
Mme Annah Omphile, wa mo Maun, o na le bogolo jwa go tlhoka puo ebile a tsamaya ka kolotsana ya ba-na-le bogole.
Fa a bua kwa kabong ya dijo tseo, mogolwane wa kgaolo ya sepodisi ya District Number 5, Rre Onious Maziba a tlhalosa fa mapodisi ba tshwanetse go sa itsiwe ka go tshwara dirukutlhi fela, ka le bone ba nale kutlwelo botlhoko mo go ba ba nang le letlhoko lepe fela.
A re go abela mme Omphile dijo ke go lere botshelo le boitumelo mo go ene ka a sa kgone go bona ditshono tsedi bonwang ke ba ba itekanetseng mo mmeleng.
Fa a amogela dijo tseo, Mme Omphile o supile boitumelo jo bogolo thata ka go opa legofi le go tsholola keledi.
Mme Boemo Rammuso, yo e leng mmangwaneagwe Mme Omphile, o tlhalositse fa Modimo a nale thulaganyo ya gagwe, ka gore motlogolo wa gagwe o ne a digela dingwaga tse masome a mararo le borataro ka letsatsi le a abetsweng dijo ka lone. O supile fa Mme Omphile a na le dikgwetlho tse dintsi ka a sa kgone go itirela ka ntlha ya bogole.
O lebogile ba sepodisi go bo ba thusitse ngwana wa ga mogolowe, a tlatsa ka gore o tla kgona go ja malatsi a Boipuso a a monate. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumileng Kelewendo
Location : MAUN
Event : Kabo Dijo
Date : 03 Oct 2022